Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 16:3 - Setswana 1970

3 Baiseraele ba ba raya ba re: “Ao! Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla sa Morena metlheng ele fa re sa ntse re le fa dipitseng tsa dinama, re ja bogobe, re kgora. Jaanong lo re tsisitse kwano mo sekakeng se gore lo bolae morafe otlhe o ka tlala.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi bana ba Yeserele ba ba raea, Au! intla re kabo re shuetse mo hatsiñ ya Egepeto ka atla sa ga Yehova, re rutse ha pitseñ tsa nama, re yela liyo tsa go khoroa; gone lo re entseritse bogareñganaga yo, go bolaea phuthego eotle e ka loshekere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Bana ba Iseraele ba ba raya ba re: “A bo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto ra bolawa ke seatla sa ga Jehofa fela, jale ka re sa ntse re ntse fa dipitsaneng tsa nama, jale ka re sa ntse re ijela dijo re kgora; gonne lo re ntshwditse kwano nageng e, go tla lo bolaya phuthego e yotlhe fela ka tlala.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 16:3
32 Iomraidhean Croise  

Ke fa kgosi e huduega e tlhatlogela kwa ntlwaneng e e okameng kgoro, e lela; ya re e ntse e tsamaya, ya bua ya re: “Morwaaka Abesalomo, morwaaka, morwaaka Abesalomo! Ijoo! Ke ne ke sa sweleng boemong jwa gago! Abesalomo, morwaaka, morwaaka!”


Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a rogaka letsatsi la botsalo jwa gagwe.


Ka gonne ga bo a ka jwa ntswalela kgoro ya sebopelo sa ga mme; ga bo a ka jwa subela matlho a me tapisego.


Ke eng fa Modimo o naya mmogisegi lesedi, fa o naya ba ba nyemileng moko bophelo?


ba tshwerwe ke tlala le lenyora, mewa ya bona e felelwa mo teng ga bona,


Ba bua kgatlhanong le Modimo ba re: “A Modimo o ka baakanya bojelo mo sekakeng?


Ba ja sejo sa baengele, wa ba romela mfago, ba kgora.


ba raya Moše ba re: “A go ne go se na mabitla kwa Egepeto, fa o re huduseditse go tla go swela mo sekakeng? O ne o re ntshetsang kwa Egepeto?


Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”


Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone.


Ba ba raya ba re: “A Morena a lo bone, a lo atlhole; gonne lo re nkgisitse fa pele ga Farao le batlhanka ba gagwe, lwa ba lwa tsenya tšhaka mo diatleng tsa bone go re bolaya.”


Ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re etelela pele mo sekakeng, mo nageng e e senya ya mangope, mo nageng ya komelelo, ya lefifi le le kwenneng, mo nageng e e sa ralalweng ke ope, kwa batho ba sa nneng teng?’


Fa lo re: ‘Nnyaya! Rona re rata go ya kwa lefatsheng la Egepeto kwa re sa boneng ntwa teng, kwa re sa utlweng modumo wa lonaka teng, kwa re sa tlhokeng bogobe teng; ke kwa re tla nnang gona.’


Mme re tla dira tsotlhe tse re di ikanetseng di tswa mo melomong ya rona: Re tla fisetsa mohumagadi-wa-legodimo maswalo, re mo tshelela ditshupelo tsa dino, jaaka go dirile rona le borraetsho le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona mo metseng ya Juta le mo mebileng ya Jerusalema; ra kgora bogobe, ra phela sentle, re sa bone bosula bope.


Ba ba bolailweng ka tšhaka ba tlhogonolo bogolo go ba ba suleng ka tlala, ba ba feleletseng, ba bolawa ka go tlhoka dijo tsa masimo.


Fa o rata go dira jalo ka nna, mpolae bogolo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago gore ke se tlhole ke bona pogisego ya me.”


mme lo tla ja kgwedi yotlhe go tsamaya e be e lo tlapele, e lo tene. Ka gonne lo latlhile Morena yo o mo gare ga lona, lwa lela fa pele ga gagwe lwa re: Re ne re hudugelang kwa Egepeto?’ ”


Baiseraele botlhe ba ngongoregela Moše le Arone, phuthego yotlhe ya ba raya ya re: “Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto! Kampo ra swela mo sekakeng seno!


Morena o re isetsang kwa lefatsheng leo gore re ye go swa ka tšhaka, mme basadi ba rona le bana ba rona e nne thopo? A ga go botoka gore re boele kwa Egepeto?”


A ga go a lekana fa o re ntshitse mo lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe go re bolaela mo sekakeng? A o sa ntse o itira kgosi ya rona gape?


Mme kamoso phuthego yotlhe ya Baiseraele ya ngongoregela Moše le Arone ya re: “Lo bolaile morafe wa Morena.”


Batho ba be ba ngongoregela Modimo le Moše ba re: “Lo re ntsheditseng kwa Egepeto gore re swele mo sekakeng? Gonne fano ga go na dijo, ga go na metsi, re bile re tennwe ke dijo tsa Mmana tse di bosula.”


Paulo a mo fetola a re: “Le fa go le gaufi gongwe kgakala, ke rapela Modimo gore e se nne wena fela, mme le botlhe ba ba nkutlwang gompieno ba tshwane le nna, ke sa ree dikgole tse.”


Lo setse lo kgotshe. Lo setse lo humile. Lo busa kwa ntle ga rona. Mme e kete lo ka busa tota, ra tla ra busa mmogo le lona!


E kete lo ka bo lo itshokela bosilo jwa me go le gonnye! Intshokeleng tlhe!


Mo mosong o tla re: ‘E kete go ka bo go le maitsiboa.’ Maitsiboa o re: ‘E kete go ka bo go le moso,’ ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o tla boifang ka yona le ka ntlha ya tsona tse o tla di bonang ka matlho.


O ne a go kokobetsa, a go bolaisa tlala, a ba a go otla ka Mmana o o neng o sa o itse le e seng borraeno, e le go re a go lemotshe gore motho ga a phele ka dijo di le tsosi fela, mme motho o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Morena.


Jošua a rapela a re: “Ao, Morena Modimo! Ke ka ntlha ya eng fa o tshedisitse morafe o noka ya Joretane go re neela mo diatleng tsa Baamori gore ba re nyeletse? Ao, re ka bo re itumeletse go nna kwa moseja ga Joretane!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan