Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 15:5 - Setswana 1970

5 Dintelo di ba khurumeditse, ba fologela madibeng jaaka majwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mateñ a ba khurumetsa: ba noetse mo mateñeñ yaka leincue.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Madiba a a boteng a ba khurumeditse; ba thabuegetse mo ditsibeng jaaka lentswe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 15:5
12 Iomraidhean Croise  

Le lewatle wa le fatola fa pele ga bone, mme ba tshela fa gare ga lewatle fa go omileng; bakhutšhedi ba bone wa ba digela mo botennye jwa lewatle jaaka lentswe mo metsing a magolo.


Mme ya re o budula ka phefo ya gago, lewatle la ba khurumetsa; ba rôrômela mo metsing a magolo jaaka tshipi.


Metsi a boa, a khurumetsa dikoloi tsa ntwa le bapalami le mephato yotlhe ya ga Farao ba ba neng ba tsenye mo lewatleng ba setse Baiseraele morago; ga se ka ga falola ope wa bone, le e seng a le mongwe fela.


Mme ya re o thubaganngwa mo lewatleng le mo madibeng a metsi, tsa kgwebo ya gago tsa nwela mmogo le botlhe ba ba neng ba le mo go wena.


Jaanong moengele mongwe yo o thata a tsholetsa letlapa e kete lelwala le legolo, a le latlhela mo lewatleng a re: “Babilone, motse o mogolo, o tla digwa jalo ka thata, mme ga o kitla o tlhola o bonwa ka gope;


“Mme yo o kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene gore lelwala le legolo le golegelelwe mo molaleng wa gagwe, a be a nwediwe mo botennye jwa lewatle.


O tla boa o re tlhomogela pelo gape, o gataka maleo a rona; o tla latlhela dibe tsotlhe tsa rona mo botennye jwa lewatle.


a re: “Ke ne ka rapela Morena ke le mo tlalelong, mme a nkutlwa; ka goa ke le mo felong ga baswi, mme wa utlwa lentswe la me.


Poifo ya ba wela le therego, ba tlhoka puo jaaka lefika ka ntlha ya bogolo jwa letsogo la gago; go fitlhelela morafe wa gago o fete, Morena; go fitlhelela morafe o ò o rekolotseng o fete.


Metsi a khurumetsa baganetsi ba bona, ga se ka ga sala ope wa bona.


E rile go se na mawatle, go se na metswedi e e tletseng metsi, ka tsalwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan