Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 15:2 - Setswana 1970

2 Morena ke thata ya me le sefela sa me; ene e ne e le thuso ya me. Ke ene Modimo wa me, ke tla mo tumisa; ke Modimo wa ga rre, ke tla mo godisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Yehova ki thata ea me le sehela, mi o rihegile puluko ea me: ko ona Morimo oa me, ki gona ki tla o galaletsañ; ko ona Morimo oa ga rre, mi ki tla o gorisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me; one ke Modimo wa me, ke tlaa o baka; Modimo wa ga rre, ke tlaa o godisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 15:2
64 Iomraidhean Croise  

“Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me fa gare ga me le wena le bana ba gago morago ga gago ba losika longwe le longwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng ya go re: Ke tla nna Modimo wa gago le wa bana ba gago morago ga gago.


Morena, ke lebeletse pholoso ya gago.


Modimo wa me ke lefika la phemelo ya me, ke tla tshabela kwa go ona; ke thebe ya me le lonaka lwa pholoso ya me le kago ya phemelo ya me le botshabelo jwa me le mothusi wa me, o nkgolola mo kgatelelong.


Morena o a phela. A go bakwe ene lefika la me! A go godisiwe Modimo o e leng lefika la pholoso ya me;


wena yo o nayang kgosi e o e tlhomileng pholoso e kgolo, o direla motlodiwa wa gago ka bopelotlhomogi, e bong Dafita le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.


O iketleeleditse morafe wa gago wa Iseraele gore e nne morafe wa gago ka bosakhutleng; wena Morena, o dule Modimo wa ona.


“Yaa o ree Dafita motlhanka wa me, o re: ‘Morena o bua jaana a re: A wena o ka nkagela ntlo gore ke nne mo go yona?


Jaanong ke go agetse Ntlo, ke bonno jo bo tlhomameng, gore o nne teng ka bosakhutleng.”


“Mme a ruri Modimo o ka aga mono lefatsheng? Kana legodimo le legodimo le le godimodimo ga le go lekane. Jaanong Ntlo e ke e agileng yona e tlhaela bogolo jang!


Morena ke ene Modimo wa rona; dikatlholo tsa gagwe di mo lefatsheng lotlhe.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Modimo o ke o bakang, se didimale.


Morena ke thata ya me le sefela sa me sa pako, o diregile pholoso ya me.


Ke tla go leboga, ka gonne o nkutlwile, wa nna pholoso ya me.


O Modimo wa me, ke tla go baka; o Modimo wa me, ke tla go godisa.


go ya ke be ke bonele Morena bonno, le Modimo o o thata wa ga Jakobe meago.”


Ke buile le Morena ka re: “O Modimo wa me.” Morena, reetsa lentswe la mekokotlelo ya me.


Sefela sa pako sa ga Dafita. Modimo wa me, ke tla go godisa, Kgosi; ke baka leina la gago ka gale le ka bosakhutleng.


Bomorwa baeng ba a koafala; ba a tla, ba roroma, ba tswa mo maiphitlhong a bona.


Ee, ke wena yo o nntshitseng mo mmeleng wa ga mme; wa ntapolosa mo mabeleng a ga mme.


Modimo wa me, ke bitsa motshegare, mme ga o nkarabe; le mo bosigong ke a lela, mme ga ke gomotsege.


Pesalome ya ga Dafita. Morena ke lesedi la me le pholoso ya me; ke tla boifa mang? Morena ke botshabelo jwa bophelo jwa me; ke tla tshoga mang?


Morena ke thata ya morafe wa gagwe le botshabelo jo bo pholosang jwa motlodiwa wa gagwe.


Pesalome ya ga Dafita. Sefela sa kgakolo ya Tempele.


Mowa wa me o tla ipelafatsa ka Morena. Baitshoki ba tla utlwa, ba itumela.


Elang dipota tsa phemelo tsa ona tlhoko, ralalang matlo a borena a ona gore lo tle lo bolelele losika lo lo tlang lo re:


Mme nna ke tla opela ka ga thata ya gago, ke tla dudueletsa bopelotlhomogi jwa gago mo mosong mongwe le mongwe; gonne o ne o le phemelo ya me le botshabelo jwa me ka letsatsi la tlalelo.


A go bakwe Morena yo o re belegang ka letsatsi le letsatsi. Modimo ke pholoso ya rona. Sela.


Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga sebeo sa dinao tsa gagwe; gonne ene o boitshepo.


Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga thaba ya gagwe e e boitshepo; gonne Morena, Modimo wa rona, o boitshepo.


Mme Moše a raya morafe a re: “Se boifeng, emang lo tiile, lo tle lo bone pholoso ya Morena e o tla e lo direlang kajeno. Gonne Baegepeto ba lo ba bonang kajeno ba, ga lo kitla lo tlhola lo ba bona gape ka bosakhutleng.


Wa ba wa re: “Ke nna Modimo wa ga rraago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.” Ke fa Moše a ipipa sefatlhego, ka a boifa go leba Modimo.


“O be o ree Farao o re: ‘Morena o bua jaana a re: Iseraele ke ene morwaake wa ntlha.


Ke fa leru le khurumetsa Tempelana ya Boipontsho le kgalalelo ya Morena e tlala ka moago.


Ke tla lo tshola gore lo nne morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla itse gore ke nna Morena Modimo wa lona yo o lo ntshang mono, a lo rola morwalo wa go direla Baegepeto.


Bonang, Modimo ke pholoso ya me. Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe. Gonne Modimo Morena ke thata ya me le sefela sa me, o bile o diregile pholoso ya me.”


Morena, o Modimo wa me! Ke tla go tumisa, ke baka leina la gago; gonne o dirafaditse dikgakgamatso, e leng maikaelelo a kgale a a ikanyegang a boammaaruri.


Iseraele o pholosiwa ke Morena. Ke pholoso e e sa khutleng. Ga lo nke lo tlhajwa ke ditlhong, le e seng go kgobiwa ka gale le ka bosakhutleng.


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Morena o bua jaana a re: “Legodimo ke sedulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ke ntlo e e ntseng jang e lo tla e nkagelang? Felo ga boikhutso jwa me go fa kae?


Ruri, tsa kwa dithabaneng le tlhodio e e kwa dithabeng ke tsietso fela. Ruri pholoso ya Iseraele e mo Moreneng, Modimo wa rona.


“Mme kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me.” Morena a re jalo.


Ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna Modimo wa bone.


O bolotse go thusa morafe wa gago le go thusa Motlodiwa wa gago; o tšhwetlakanya tlhogo ya lapa la moikepi, ò mo apola go tloga dinaong go fitlha molaleng. Sela.


Mme ke tla tsenya karolo ya boraro mo molelong gore ba gakologe, ba itsheke jaaka go itshekisiwa selefera; ke ba tlhatlhoba jaaka gouta e tlhatlhojwa. Bao ba tla rapela leina la me, mme ke tla ba utlwa ke re: ‘Ke bone morafe wa me!’ Mme bone ba tla re: ‘Morena, Modimo wa rona!’


go naya morafe wa gagwe kitso ya pholoso ka go itshwarelwa dibe tsa ona,


ka gonne matlho a me a bonye pholoso ya gago


Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne pholoso e tswa mo Bajuteng.


gore botlhe ba tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa, ga a tlotle Rara yo o mo romileng.


Mme ga go na pholoso mo go ope o sele; le gona ga go na leina lepe le sele fa tlase ga legodimo, le le neilweng batho, le re tshwanetseng go pholosiwa ka lone.”


gonne Modimo o ithuantse le lefatshe ka Keresete ka go sa ba balele maleo a bone, wa tlhoma lefoko la thuanyo mo go rona.


yo le lona lo agiwang mo go ene le ba bangwe go nna boago jwa Modimo mo Moweng.


Ke ene yo lo ipokang ka ene, ke ene Modimo wa lona o o lo diretseng dilo tse dikgolo tse di boitshegang tse matlho a lona a di bonyeng.


le loleme longwe le longwe lo ipolele gore Morena ke Jesu Keresete, e le go galaletsa Modimo Rara.


Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete.


Gonne botlalo jotlhe jwa Bodimo bo agile mo go ene ka sebele.


Ba opela sefela sa ga Moše, motlhanka wa Modimo, le sefela sa Kwana ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo, di a gakgamatsa, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di siame, ke tsa boammaaruri, wena Kgosi ya merafe.


Morago ga dilo tseo ka utlwa sengwe, e kete kopelo e kgolo ya lesomo le legolo mo legodimong le re: “Haleluya! Pholoso le kgalalelo le thata ke tsa Modimo wa rona!


Nokana ya Kisone ya ba tsaya. Ke nokana ya ditlhabano, nokana ya Kisone! Jaa moepelane, mowa wa me!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan