Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 15:1 - Setswana 1970

1 Ka sebaka seo Moše le Baiseraele ba opelela Morena sefela, ke se, ba se tlhaba ba re: “A nke ke opelele Morena, gonne o mogolo thata. Dipitse o di latlhetse mo lewatleng le bapalami ba tsona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 EREHA gona Moshe le bana ba Yeserele ba opelelañ Yehova sehela se, mi ba bua ba re, Ki tla opelela Yehova, gone o gorisicoe bogolu: o rigetse pitse le moepalami mo leoatleñ:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Foo Moše le bana ba Iseraele ba opelela Jehofa sefela se, ba re: “Ke tlaa opelela Jehofa gonne o fentse ka mo go gakgamatsang. O latlhetse pitse le mopagami wa yone mo lewatleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 15:1
27 Iomraidhean Croise  

Le lewatle wa le fatola fa pele ga bone, mme ba tshela fa gare ga lewatle fa go omileng; bakhutšhedi ba bone wa ba digela mo botennye jwa lewatle jaaka lentswe mo metsing a magolo.


Se lebale go godisa tiro ya ona e batho ba e tumisitseng ka difela.


A bolotsa morafe wa gagwe ka boitumelo le baitlhaolelwi ba gagwe ka tuduetso.


Ya baa gona ba dumelang mafoko a gagwe, ba opela pako ya gagwe.


A bao ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho,


Bona bao a ba lebogele Morena bopelotlhomogi jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe tse a di diretseng bana ba batho,


Ke wena phemelo ya me; o nkefosa mo pitlaganong; o ntikanyetsa ka difela tsa kgololego. Sela.


Dinatla tse di pelokgale di thopetswe, di gateletswe ke boroko, bagale botlhe ba repile diatla.


Modimo wa ga Jakobe, koloi ya ntwa le pitse di tserwe ke madiopo ka kgalemelo ya gago.


Jaanong Morena a raya Moše a re: “Otlololela lewatle letsogo gore metsi a boe, a khurumetse Baegepeto le dikoloi tsa ntwa tsa bone le bapalami ba tsona.”


Ya re Moše a otlololela lewatle letsogo, metsi a lewatle a boela mo mannong a ona ka mahube a moso, mme Baegepeto ba tshaba ba tlhabaganye nao. Morena a nwetsa Baegepeto jalo mo gare ga lewatle.


Mme Miriame a ba tlhabela sefela a re: “A re bakeng Morena, gonne o mogolo thata. O digetse dipitse le bapalami ba tsona mo lewatleng.”


Jaanong ke lemogile gore Morena o mogolo bogolo go medimo yotlhe; dilo tse Baegepeto ba di diretseng Baiseraele ka boikgantsho di digetse Baegepeto mo tatlhegong.”


Go na le mutlwane mo tseleng ya monna yo o bosula, mme mosiami o ka siana a thabile.


Opelelang Morena sefela se sešwa le tumiso ya gagwe kwa bokhutlong jwa lefatshe, lona ba lo tsamayang mo lewatleng le tse di tletseng mo go lone; lona ditlhakatlhake le ba ba agileng mo go tsona!


Ke thubagantse dipitse le bapalami ba tsona ka wena, ka thubaganya dikoloi tsa ntwa le ba ba di tanneng ka wena.


“Ke tla tlosa maina a boBaale mo molomong wa gagwe gore ba se tlhole ba bidiwa ka maina a bona.


Le fa go ntse jalo ke rata go dudueletsa Morena, ke rata go itumelela Modimo wa pholoso ya me.


Metlheng ele Baiseraele ba opela sefela se se reng: “Motswedi, phunyega mo sedibeng! O opeleleng!


wa apola babusi le balaodi, wa ba supa mo ponatshegong, wa tlhaba kôma ka bone mo go ene.


Ba opela sefela sa ga Moše, motlhanka wa Modimo, le sefela sa Kwana ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo, di a gakgamatsa, Morena, Modimo, Mothatayotlhe; ditsela tsa gago di siame, ke tsa boammaaruri, wena Kgosi ya merafe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan