Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 13:9 - Setswana 1970

9 A moletlo o e nne sesupo sa lona mo diatleng tsa lona, le segopotso fa gare ga matlho a lona gore molao wa Morena o nne mo melomong ya lona; gonne Morena o lo ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi se a se ne yaka seshupo mo atleñ tsa lona, le yaka segopoco gare ga maitlo a lona, gore molao oa ga Yehova o ne melomoñ ea lona: gone Yehova o la a lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto ka atla se se thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Se e tlaa nna sesupo mo go wena mo seatleng sa gago le segopodiso fa gare ga matlho a gago, gore molao wa ga Jehofa o nne mo molomong wa gago; gonne Jehofa o go ntshitse ka letsogo le le thata mo Egepeto.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 13:9
38 Iomraidhean Croise  

“Kana bone ke batlhanka ba gago le morafe wa gago ba o ba golotseng ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng la gago.


A ntsha Iseraele mo gare ga bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng;


ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.


Bokone le borwa o di tlhodile; Thabore le Heremone di dudueletsa leina la gago.


Letsatsi leo a e nne la segopotso mo go lona, lo le tshegetse, e nne moletlo wa Morena; lo le tshegetse jalo mo ditsong tsotlhe tsa lona, e nne molao o o sa khutleng.


Ya re dinyaga tseo tse di 430 di sena go feta, mephato yotlhe ya Morena ya tswa mo lefatsheng la Egepeto ka lone letsatsi leo.


Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


A mokgwa o e nne sesupo mo diatleng tsa lona le letshwao fa gare ga matlho a lona. Gonne Morena o re ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.’ ”


Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng.


Mme ke tla otlolola letsogo, ke itaya Egepeto ka dikgakgamatso tsa me tsa mefutafuta tse ke tla di dirang teng. Morago ga moo kgosi e tla lo rebola.


Farao ga a ka ke a lo utlwa, mme ke tla baya seatla sa me mo Egepeto, ke hudusa mephato ya me, e bong morafe wa me wa Baiseraele, mo lefatsheng la Egepeto ka dipetso tse dikgolo.


Gonne tsona ke serwalo se sentle mo tlhogong ya gago le sebaga sa mokgabo mo molaleng wa gago.


Morwaaka, boloka kelelelo le kakanyo; a di se tloge mo matlhong a gago!


go fitlhelela motswi o le phololele sebete; jaaka nonyane e itlhaganela go tsena mo serung e sa itse, fa e ya go bolawa.


Mpee fa pelong ya gago jaaka palamonwana e e tshwayang, le mo letsogong la gago jaaka leseka. Gonne lorato lo thata jaaka loso; lefufa la lone le setlhogo jaaka felo ga baswi; ditlhase tsa lone ke ditlhase tsa molelo; dikgabo tsa lone di tshwana le tsa Morena.


Mo metlheng eo Morena o tla betsa kgwanyape, noga e e bobebe, le kgwanyape, noga e e ikgarang, ka tšhaka ya gagwe e e thata, e kgolo, e e tiileng; o tla bolaya kgogela e e fa lewatleng.


Bonang, Morena Modimo o e tla a le thata; letsogo la gagwe le a busa. Bonang, o na le tuelo ya gagwe; papadi ya gagwe e mo etelela pele.


“Mongwe o tla re: ‘Ke wa Morena’; yo mongwe o tla ipitsa ka leina la Jakobe; yo mongwe gape o tla kwala mo letsogong la gagwe a re: ‘Ke wa Morena,’ a ba a ikokeletsa leina la Iseraele.”


Bona, ke tshwaile leina la gago mo diatleng tsa me; dipota tsa gago di fa pele ga me ka gale.


Thanya, thanya, o apare thata, wena letsogo la Morena! Thanya jaaka mo malatsing a kgale le mo ditshikeng tsa bogologolo! A ga se wena o remagantseng kgogela, wa phololetsa kgwanyape?


“Mme nna, go bua Morena, ke dira kgolagano nabo ke e: Mowa wa me o o mo go wena le mafoko a me a ke a tsentseng mo molomong wa gago ga di na go tloga mo molomong wa gago le mo melomong ya bana ba gago le mo melomong ya bana ba bana ba gago go tloga fano go ya bosakhutleng.” Morena o buile jalo.


“Ka bophelo jwa me,” go bua Morena, “le fa Gonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, e ka bo e le palamonwana e e kanang mo seatleng sa me se se jang, ke tla go somola,


“Jaanong Morena, Modimo wa rona, yo ò ntshitseng morafe wa gago mo lefatsheng la Egepeto ka letsogo le le thata, wa itirela leina le le tumileng jaaka le ntse kajeno – re leofile, ra ikepa –


Mme Morena o dumisa kodu ya gagwe fa pele ga lesomo la ntwa la gagwe; gonne lesomo la ntwa la gagwe le legolo thata. Ee, yo o dirafatsang lefoko la gagwe o thata; gonne letsatsi la Morena le legolo, le boitshega thata. Ke mang yo o ka le itshokelang?


A e nne dikola tsa go re fa lo di leba, lo gakologelwe ditaolo tsotlhe tsa Morena, lo di dirise, mme lo se latele dipelo tsa lona le matlho a lona tse lo akafalang fa lo di sala morago;


Mme ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba katolosa meitlamo ya bone ya thapelo; ba leelefatsa dikola tsa dikobo tsa bone.


Mme e a reng? E a re: “Lefoko le gaufi nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago.” Ke lone Lefoko la tumelo le re le rerang.


Mme lefoko le gaufi thata nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago gore o le dirise.


O nne o gakologelwe gore o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go ntsha teng ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng. Ke ka moo Morena, Modimo wa gago, a go laetseng gore o ilele letsatsi la Sabata.


o mo raya o re: ‘Re ne re le batlhanka ba ga Farao kwa Egepeto, mme Morena a re ntsha kwa Egepeto ka letsogo le le tiileng.


Mafoko ao a ke a go laelang kajeno a a nne mo pelong ya gago.


O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo; a a nne fa gare ga matlho a gago gore a se ka a go gaka.


ke ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang ka letsatsi le le lengwe, e bong loso le bohutsana le tlala; o tla be a fisiwa ka molelo; gonne Morena Modimo o o mo atlhotseng o thata.”


ba tlogela Morena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsa Morena ka go dira jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan