Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 13:6 - Setswana 1970

6 Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang ka malatsi a supa; mme letsatsi la bosupa e nne la moletlo wa Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Lo ye señkhue se se sa berisioañ ka malatsi a seven, mi moletlo oa ga Yehova e ne ka tsatsi ya bo‐seven.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 O je senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa, mme ka letsatsi la bosupa go nne modiro wa ga Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 13:6
6 Iomraidhean Croise  

Baiseraele ba ba neng ba le teng mo Jerusalema ba dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo jo bogolo; Balefi le baperesiti ba nna ba baka Morena ka letsatsi le letsatsi ka diletso tse di utlwalang thata tsa Morena.


“Tshegetsang moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang, lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka sebaka sa kgwedi ya Abibi jaaka ke lo laetse. Gonne lo hudugile kwa Egepeto ka kgwedi ya Abibi.


Lo fisetse Morena ditlhabelo malatsi a supa. Letsatsi la bosupa ke la kgobokano e e boitshepo ya Moletlo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya mosebetsi ka lone.’ ”


O fete o je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a marataro, mme letsatsi la bosupa ke la Kgobokano ya Morena, Modimo wa gago. O se ka wa dira tiro epe ka lone.


Go tloga ka letsatsi le le latelang la Tlolaganyo ba ja tse di robilweng mo lefatsheng le, e bong dinkgwe tse di sa bedisiwang le dipabe tsa mabele, e le ka lone letsatsi leo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan