Ekesodo 13:3 - Setswana 19703 Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 ¶ Mi Moshe a raea bathu, Gakologeloañ tsatsi yenu, ye lo loa coa Egepeto, le mo tluñ ea botlañka ka yeona; gone Yehova o la a lo entsa monu ka atla se se thata; ki gona a se se berisicoeñ se si yeoe. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 Moše a raya batho a re: “Gakologelwang letsatsi leno le lo duleng ka lone mo Egepeto, mo ntlong ya botlhanka; gonne Jehofa o lo ntshitse mo felong fa, ka thata ya letsogo; a go se jewe senkgwe se se bedisitsweng. Faic an caibideil |
Mme moporofeti yoo gongwe molori wa toro yoo o tshwanetse go bolawa; gonne o buile tsa go ikepa mo Moreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a lo golola mo ntlong ya botlhanka. Gonne moporofeti yoo o lo faposa mo tseleng e Morena, Modimo wa lona, o e lo laetseng gore lo sepele mo go yona. Lo tlose bosula jalo mo gare ga lona.
O se ka wa ja tse di bedisitsweng ka ona moletlo; o je dinkgwe tse di sa bedisiwang, e bong dinkgwe tsa pogisego ka malatsi a supa a ona – gonne o hudugile kwa lefatsheng la Egepeto ka potlako – ke moletlo wa go re o gopole letsatsi le o duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago.
Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona?