Ekesodo 13:2 - Setswana 19702 “Ntlhaolele maitibolo otlhe; sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona, ke sa me mo bathong le mo diruiweng.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Intsephele ba burure botle; mi botle ba ba mo baneñ ba Yeserele ba maitibolo, a ba ne ba me, ga mothu, le khomu. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 “Nkgethela bana ba ntlha botlhe, sengwe le sengwe se go itibolwang ka sone mo baneng ba Iseraele, sa motho le sa kgomo; ke sa me.” Faic an caibideil |
“Le gona re tla tlisetsa baperesiti makgetho a rona le bupe jwa mabutswapele a garase le mabutswapele a maungo a ditlhare tsa mefutafuta le a matute a moweine le a lookwane, re a isa kwa matlwaneng a Ntlo ya Modimo wa rona; re tla neela Balefi karolo ya lesome ya thobo ya masimo a rona, bone Balefi ba ba phuthang karolo ya lesome mo metseng yotlhe ya rona ya balemi.