Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 13:16 - Setswana 1970

16 A mokgwa o e nne sesupo mo diatleng tsa lona le letshwao fa gare ga matlho a lona. Gonne Morena o re ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi se a se ne seshupo mo atleñ tsa lona, le mekare gare ga maitlo a lona: gone Yehova o la a lo entsa mo Egepeto ka atla se se thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Se tlaa nna sesupo mo seatleng sa gago le sebetso sa gare ga matlho a gago, gonne Jehofa o re ntshitse mo Egepeto ka thata ya letsogo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 13:16
18 Iomraidhean Croise  

“Kana bone ke batlhanka ba gago le morafe wa gago ba o ba golotseng ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng la gago.


A ntsha Iseraele mo gare ga bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng;


Mme madi ao e tla nna sesupo sa lona mo matlong a lo leng mo go ona. Fa ke bona madi ao, ke tla lo feta gore kwatlhao e e bolayang e se ka ya lo wela, fa ke itaya lefatshe la Egepeto.


Ya re dinyaga tseo tse di 430 di sena go feta, mephato yotlhe ya Morena ya tswa mo lefatsheng la Egepeto ka lone letsatsi leo.


Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


A moletlo o e nne sesupo sa lona mo diatleng tsa lona, le segopotso fa gare ga matlho a lona gore molao wa Morena o nne mo melomong ya lona; gonne Morena o lo ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.


Mme Morena a raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.”


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago.


“Jaanong Morena, Modimo wa rona, yo ò ntshitseng morafe wa gago mo lefatsheng la Egepeto ka letsogo le le thata, wa itirela leina le le tumileng jaaka le ntse kajeno – re leofile, ra ikepa –


Mme ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba katolosa meitlamo ya bone ya thapelo; ba leelefatsa dikola tsa dikobo tsa bone.


Modimo wa morafe o wa Iseraele o itlhaoletse borraetsho, wa godisa morafe o le kwa majakong mo lefatsheng la Egepeto, wa ba ntsha teng ka letsogo le le tsholetsegileng.


“Mafoko ao a me a tsenyeng mo dipelong tsa lona le mo meweng ya lona, lo a bofelele mo diatleng tsa lona go nna sesupo, a a nne fa gare ga matlho a lona go nna letshwao.


Morena a ba a re hudusa kwa Egepeto ka seatla se se thata le ka letsogo le le otlologileng le ka theregiso e kgolo le ka ditshupo le dikgakgamatso,


O nne o gakologelwe gore o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go ntsha teng ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng. Ke ka moo Morena, Modimo wa gago, a go laetseng gore o ilele letsatsi la Sabata.


o mo raya o re: ‘Re ne re le batlhanka ba ga Farao kwa Egepeto, mme Morena a re ntsha kwa Egepeto ka letsogo le le tiileng.


ba tlogela Morena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsa Morena ka go dira jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan