Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 13:12 - Setswana 1970

12 lo neele Morena sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona. Ditsalwapele tsotlhe tsa diruiwa tse e leng tsa gago tse ditonanyana ke tsa Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi lo lomololele Yehova oa burure moñue le moñue oa mosari, le maitibolo aotle a tse ri tserileñ tse lo nañ naco; tse ri tona ki tsa ga Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 o lomololele Jehofa botlhe ba go itibolwang ka bone le ditsalwapele tsotlhe tse o nang natso tsa diruiwa; tse ditonanyana e nne tsa ga Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 13:12
17 Iomraidhean Croise  

le bomorwaa-rona ba ba tsetsweng pele le maitibolo a diruiwa tsa rona jaaka go kwadilwe mo molaong; mme maitibolo a dikgomo tsa rona le a difutshane tsa rona re tla a isa kwa Ntlong ya Modimo wa rona go nna a baperesiti ba ba direlang mo Ntlong ya Modimo wa rona.


“Le gona re tla tlisetsa baperesiti makgetho a rona le bupe jwa mabutswapele a garase le mabutswapele a maungo a ditlhare tsa mefutafuta le a matute a moweine le a lookwane, re a isa kwa matlwaneng a Ntlo ya Modimo wa rona; re tla neela Balefi karolo ya lesome ya thobo ya masimo a rona, bone Balefi ba ba phuthang karolo ya lesome mo metseng yotlhe ya rona ya balemi.


Morena a ba a bua le Moše a re:


“Ntlhaolele maitibolo otlhe; sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona, ke sa me mo bathong le mo diruiweng.”


“O se ka wa kgala Modimo; o se ka wa hutsa mmusi morafeng wa ga eno.


“Se diege go ntsha kabelo ya thobo yotlhe le ya matute a segatelo sa gago; o nkabele morwao wa ntlha.


“Sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona ke sa me, e bong tse ditonanyana tsotlhe tsa maitibolo a diruiwa tsa lona a dikgomo le a difutshane.


Mme leitibolo la esele lo le rekolole ka kwana; mme fa lo sa le rekolole, lo le robe molala. Lo rekolole maitibolo otlhe a bomorwaa-lona. A go se nne ope yo o bonalang fa pele ga me a iphotlhere fela.


“Le gona wa tsaya bomorwao le bomorwadio ba ò neng ò ba mpelegetse, wa ba tlhaba gore ba nne dijo tsa tsona. A boaka jwa gago bo ne bo ise bo lekane,


Tse di molemo tsa mabutswapele tsotlhe tsa mefutafuta le tsotlhe tse di kgethelwang Tempele tsa mefutafuta tsa makgetho otlhe a lona, e tla nna tsa baperesiti. Le bupe jwa ntlha jwa lona lo bo nee moperesiti gore tshegofatso e nne mo malapeng a lona.


Fela maitibolo a diruiwa, ka e le a Morena ka go tsalwa pele, a go se nne ope yo o a itshepisang, a e leng a kgomo gongwe a sefutshane; kana ona e ntse e le a Morena.


“Maitibolo a nama yotlhe a ba a tsisetsang Morena, a batho le a diruiwa e tla nna a gago. Fela o letlelele leitibolo la motho go rekololwa; o be o letlelele leitibolo la seruiwa se se sa itshekang go rekololwa.


“Bona, nna ka nosi ke tsere Balefi, ka ba ntsha mo Baiseraeleng mo boemong jwa maitibolo otlhe a a tsalwang pele ke Baiseraele gore Balefi e nne ba me.


Gonne maitibolo otlhe ke a me; ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ke iitshepiseditse maitibolo otlhe mo Iseraeleng a batho le a diruiwa gore e nne a me, nna Morena.”


Gonne maitibolo otlhe mo Baiseraeleng ke a me a batho le a diruiwa; ke ne ka a iitshepisetsa ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe a lefatshe la Egepeto ka lone.


fela jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena ga twe: “Mosimane mongwe le mongwe wa maitibolo o tla bidiwa moitshepi wa Morena.”


“Maitibolo otlhe a a tsalwang mo dikgomong tsa gago gongwe mo difutshaneng tsa gago a tse ditonanyana o a itshepisetse Morena, Modimo wa gago; o se ka wa dira ka maitibolo a dikgomo tsa gago le e seng go beola maitibolo a difutshane tsa gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan