Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 13:10 - Setswana 1970

10 Tshegetsang molao o ka sebaka sa ona ka ngwaga mongwe le mongwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Ki gona tlokomelañ molao o mo motleñ oa ona ka ñuaga ñuaga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ke yone tao e o tlaa e tshegetsang mo lobakeng lwa yone ka ngwaga mangwe le mongwe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 13:10
8 Iomraidhean Croise  

Letsatsi leo a e nne la segopotso mo go lona, lo le tshegetse, e nne moletlo wa Morena; lo le tshegetse jalo mo ditsong tsotlhe tsa lona, e nne molao o o sa khutleng.


“Tshegetsang moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang; gonne ka lone letsatsi leo ke ntshitse mephato ya lona mo lefatsheng la Egepeto. Letsatsi leo lo le tshegetse mo ditsong tsotlhe tsa lona, e nne molao o o sa khutleng.


E ne e le bosigo jwa go letela Morena gore a ba ntshe mo lefatsheng la Egepeto. Ke jona bosigo jwa Morena jo e leng jwa moletlo wa Baiseraele botlhe go ya ditshikatshikeng tsotlhe tsa bone.


Mme e re fa Morena a sena go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Bahewi le Bajebusi le o le ikanetseng borraeno a re, o tla le lo naya, e le lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, foo lo tshware tirelo e ka kgwedi e.


Dirang moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang, lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka sebaka sa kgwedi ya Abibi jaaka ke lo laetse; gonne lo hudugile kwa Egepeto ka yona. Mme lo se ka lwa bonala fa pele ga me lo iphotlhere fela.


Mme ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ke Moletlo wa Morena wa dinkgwe tse di sa bedisiwang; lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan