Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 12:5 - Setswana 1970

5 Kwanyana a e nne e tonanyana e e itekanetseng ya ngwaga o le mongwe, lo e tsee mo dinkung gongwe mo dipoding.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 A kuana ea lona e ne e e itekanetseñ, e tona ea ñuaga o le moñue: lo tsee ea liñku, khotsa ea lipori:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Kwanyana ya lona a e nne e e se nang bogole, e le e tonanyana ya ngwaga wa ntlha; lo e tseye mo dinkung le fa e le mo dipoding.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 12:5
14 Iomraidhean Croise  

Mme fa ba lapa lengwe ba sa lekane go ka fetsa kwanyana yotlhe, foo a a e tsee mmogo le yo o bapileng nae yo o gaufi le ntlo ya gagwe ka fa palong ya batho; lo batlele kwanyana batho ba ba lekanyeng go ka e fetsa.


“ ‘Mme fa neo ya gagwe ya setlhabelo sa phiso e le ya difutshane, le fa e le ya dinku gongwe ya dipodi, a a tlise e tonanyana e e se nang bogole.


Fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa kgomo, a a tlise poo e e se nang bogole; a e ise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho gore a tle a natefele Morena.


Mme ka letsatsi le lo kgadikanyang ngata eo ka lone lo direle Morena setlhabelo sa phiso sa kwana e e se nang bogole ya ngwaga o le mongwe


“Go hutsitswe motsietsi yo o nang le e tonanyana e e tshwanetseng mo letsomaneng la gagwe, mme le fa a dirile maikano, o tlhabela Morena e e sa tshwanelang. Kana, ke nna kgosi e kgolo,” go bua Morena wa masomosomo, “mme leina la me le boitshega mo ditšhabeng.


le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;


le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;


“O se ka wa tlhabela Morena, Modimo wa gago, kgomo gongwe sefutshane se se nang le bogole, le fa e le bofe jo bo sa siamang; gonne go dira jalo ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.


Gonne moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo o ne a batlega mo go rona, yo o boitshepo, a se na bosula, a se na sebala, a kgaogantswe le baleofi, a tlhatloga go feta magodimo;


E rile Saule a simolola go busa a bo a le dinyaga di le; ya re a sena go busa Iseraele dinyaga di le pedi,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan