4 Mme fa ba lapa lengwe ba sa lekane go ka fetsa kwanyana yotlhe, foo a a e tsee mmogo le yo o bapileng nae yo o gaufi le ntlo ya gagwe ka fa palong ya batho; lo batlele kwanyana batho ba ba lekanyeng go ka e fetsa.
4 Mi ha ba eintlu eñue ba tlaela kuana, mi ena le moñ ka ena eo o bapisitseñ eintlu ea gague, a ba e tsee kaha paloñ ea bathu ba bona, moñue le moñue kaha go yeñ ga gague; lo bale kaha kuaneñ.
4 Fa ba ntlo ba le babotlana mo go jeng kwanayana, foo motho le wa ga gabo yo o bapileng nae a ba e pataganele ka fa palong ya batho; lo ipalele kwanyana ka fa go jeng ga motho mongwe le mongwe.
Ke na le dinyaga di le 80 kajeno. A nka farologanya molemo le bosula? Gongwe a nna motlhanka wa gago nka utlwa monate wa se ke se jang le se ke se nwang? Gongwe a ke sa ntse ke ka utlwa mantswe a baopedi ba banna le ba basadi? Ke ka ntlha ya eng fa motlhanka wa gago a sa ntse a ka imela kgosi mongwame?
Bolelelang phuthego yotlhe ya Baiseraele lo re: A mong wa lapa mongwe le mongwe a tsee kwanyana ka la lesome la kgwedi e. Kwana e nne nngwe fela mo lapeng.