Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 12:3 - Setswana 1970

3 Bolelelang phuthego yotlhe ya Baiseraele lo re: A mong wa lapa mongwe le mongwe a tsee kwanyana ka la lesome la kgwedi e. Kwana e nne nngwe fela mo lapeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 ¶ Lo bue le phuthego eotle ea Boyeserala, lo re, A moñue le moñue a tsee kuana kaha matluñ a bo‐rague, kuana eñue go eintlu eñue, ka tsatsi ya bo‐ten ya khueri enu:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Buang le phuthego yotlhe ya Iseraele lo re: E re ka letsatsi la lesome la kgwedi eno, mongwe le mongwe a tseye kwanyana, a e tseele ba ntlo ya gagwe, go nne kwanyana ya ba ntlo nngwe le nngwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 12:3
26 Iomraidhean Croise  

Aborahame a araba a re: “Morwaaka, Modimo o tla ipatlela kwana ya setlhabelo sa phiso.” Bona babedi ba sepela mmogo jalo.


Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. Mme Morena a itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe.


Mme Josia a ntshetsa batho ba morafe difutshane, e bong dikwana le dipotsane tsotlhe e le tsa Tlolaganyo tsa botlhe ba ba neng ba le teng, palo ya tsona e le 30 000 le dikgomo di le 3 000; tsa ntshiwa leruong la kgosi, e le tebogelo-Modimo.


“A kgwedi eno e nne tshimologo ya dikgwedi mo go lona; a e nne ya ntlha ya dikgwedi tsa ngwaga mo go lona.


Ke fa Moše a bitsa banna bagolo botlhe ba Iseraele, a ba raya a re: “Yaang lo tlhaolele lelapa lengwe le lengwe la lona kwanyana e le nngwe, lo tlhabe kwanyana ya Tlolaganyo.


Mme fa ba lapa lengwe ba sa lekane go ka fetsa kwanyana yotlhe, foo a a e tsee mmogo le yo o bapileng nae yo o gaufi le ntlo ya gagwe ka fa palong ya batho; lo batlele kwanyana batho ba ba lekanyeng go ka e fetsa.


E tlhatlheleng go be go fitlhe letsatsi la 14 la kgwedi eno; foo bontsi jotlhe jwa phuthego ya Baiseraele ba e tlhabe mantsiboa ka lotlatlana.


Morena a raya Moše a re: “O goelelang kwa go nna? Raya Baiseraele ba tsamaele pele.


Ba raya Moše ba re: “A e nne wena o buang le rona, re tla utlwa; mme a Modimo o se ka wa bua le rona, e se re gongwe ra swa.”


Arone a bolela mafoko otlhe a Morena o neng a a buile le Moše, mme Moše a dira ditshupo tsele fa pele ga matlho a morafe.


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


E rile ka ngwaga wa 25 wa botshwaro jwa rona – e le ngwaga wa 14 go tloga ka go thopiwa ga motse – ka kgwedi ya ntlha, ka letsatsi la lesome, seatla sa Morena sa nna mo go nna, a nkisa teng;


“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re fa mongwe wa lona a rata go tlisetsa Morena neo ya tlhabelo, gona lo tlise neo tsa tlhabelo tsa lona tse di tswang mo diruiweng, e bong mo dikgomong gongwe mo difutshaneng.


a be a tlisetse Morena tefo ya boikwatlhao jwa gagwe ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng, e bong kwana e namagadi ya letsomane gongwe podi e namagadi go nna setlhabelo sa boleo, mme a moperesiti a mo ruanye le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe.


“ ‘A kgomo nngwe le nngwe e direlwe jalo le phelehu nngwe le nngwe le sefutshane sengwe le sengwe, le fa e le sa nku gongwe sa podi.


E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!


a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!”


E rile go sa le malatsi a marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu a ya kwa Bethania, kwa Lasaro a neng a le teng, yo Jesu a mo tsositseng mo baswing.


Kamoso ya re batho ba bantsi ba ba neng ba tsile moletlong ba utlwa gore Jesu o tla kwano Jerusalema,


Tlosang he matlhabego a bogologolo gore lo nne modubo o mošwa, jaaka lo le ba ba sa bedisiwang; gonne le rona, kwana ya Tlolaganyo re e tlhabetswe, e bong Keresete.


E re mo mosong lo atamele ka fa ditsong tsa lona, mme a lotso lo Morena o tla lo supang ka tengwa lo atamele ka fa ditshikeng, mme a losika lo Morena o tla lo supang lo atamele ka fa malapeng, mme a lelapa le Morena o tla le supang le atamele ka banna.


Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tla se obamela, ba maina a bone a sa kwalwang mo bukeng ya bophelo ya Kwana e e tlhabilweng, a sa kwalwa go tloga tshimologong ya lefatshe.


Ke fa Samuele a tsaya kwanyana e e anyang e le nngwe, a e tlhabela Morena go nna setlhabelo se se fisiwang gotlhe; le gona Samuele a rapela Morena, a rapelela Baiseraele, mme Morena a mo utlwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan