Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 12:1 - Setswana 1970

1 Morena a ba a raya Moše le Arone mo lefatsheng la Egepeto a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Yehova o la a bua le Moshe le Arone mo hatsiñ ya Egepeto, a re,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jehofa a bua le Moše le Arone mo lefatsheng la Egepeto a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 12:1
17 Iomraidhean Croise  

Jaanong busetsa monna mosadi wa gagwe, gonne ene ke moporofeti. O tla go rapelela gore o phele. Mme fa o sa mo rebole, itse gore o tla swa tota, wena le ba ga eno botlhe.”


Baiseraele ba ba neng ba le teng ba dira Tlolaganyo ka sebaka seo le moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa.


Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe.


A ko o bolele mo ditsebeng tsa morafe gore monna mongwe le mongwe a lope dilo tsa selefera le tsa gouta mo go yo o bapileng nae; le mosadi mongwe le mongwe a di lope jalo mo mosading yo o bapileng nae.”


Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang ka mantsiboa a letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha go ya mantsiboeng a letsatsi la 21 la kgwedi yona eo.


“A kgwedi eno e nne tshimologo ya dikgwedi mo go lona; a e nne ya ntlha ya dikgwedi tsa ngwaga mo go lona.


Morena a laela Moše a re:


“Tlhoma Tempelana ya Tente ya Boipontsho ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha.


“ ‘Ka letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha go ne go nna moletlo wa Tlolaganyo mo go lona; e nne wa malatsi a supa go jewe dinkgwe tse di sa bedisiwang.


“ ‘Letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha ke la Tlolaganyo ya Morena.


“A Baiseraele ba dire Moletlo wa Tlolaganyo ka nako ya ona.


Lo o dire ka kgwedi eno ka letsatsi la 14 maitsiboa, lo o dire ka nako ya ona ka fa melaong yotlhe ya ona le ka fa dithulaganyong tsotlhe tsa one.”


Mme ba dira Tlolaganyo ka kgwedi ya ntlha e le 14 maitsiboa kwa sekakeng sa Sinai fela jaaka Morena a laetse Moše; Baiseraele ba dira jalo.


E rile moletlo wa Paseka, wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o saletswe ke malatsi a mabedi, baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mo tshwarang ka teng ka maano le go mmolaya.


Jaanong moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o o bidiwang Tlolaganyo wa bo o atametse.


Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo neela ditlhophana tse nne tsa batlhabani, tse go leng ba le bane mo go sengwe le sengwe, go mo disa; mme a ikaeletse gore e tle e re Tlolaganyo e sena go feta, a mo sekise fa pele ga morafe.


Letsatsi le lengwe monna wa Modimo a tla kwa go Eli, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘A ga ke re, ke iponaditse sentle mo go ba ga eno, fa ba sa le kwa Egepeto mo taolong ya ga Farao?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan