Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 11:6 - Setswana 1970

6 Foo go tla nna selelo se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto se se iseng se ke se nne teng ka gope se le kalo, le gona se se se kitlang se tlhola se nna teng ka motlha ope se le kalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi go tla na khoo e kholu mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, e e siñ e ke e rihahale, le e e si kitlañ e tlola e na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Go tlaa nna segajaja se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se go iseng go dire le sepe se se tshwanang naso, le gone go se nka go tlhola go nna sepe se se tshwanang naso gope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 11:6
15 Iomraidhean Croise  

Mme mo go Baiseraele botlhe ga go kitla go nna le ntšwa e e dumang, e bogola motho gongwe seruiwa gore lo itse, fa Morena a farologanya Baegepeto le Baiseraele.’


Ke fa Farao a tsoga bosigo, ene le batlhanka botlhe ba gagwe le Baegepeto botlhe; ga nna selelo se segolo mo Egepeto; gonne go ne go se ntlo epe e go seng moswi mo go yona.


Morena a re: “Ruri, ke bonye pogisego ya morafe wa me o o mo Egepeto, ke ba utlwile ba ledisiwa ke bagobagobetsi ba bone; tota ke itse botlhoko jwa bone.


Bona, kamoso go le kana ke tla nesa sefako se se boitshegang thata, se go iseng go ke go ne se se tshwanang naso mo Egepeto go tloga tshimologong ya Egepeto go fitlhelela kajeno.


Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.


Ijoo! Go goa go utlwala mo nageng yotlhe ya Moabe; go bokolela ga bone go utlwala kwa Egelaime, go bokolela ga bone go utlwala kwa Bereleme.


Ka letsatsi leo Baegepeto ba tla tshwana le basadi, ba roroma, ba boifa kgadikanyo ya letsogo la Morena wa masomosomo le a le ba kgadikanyetsang.


Morena o bua jaana a re: “Utlwelelang! Go utlwala sefela sa khutsafalo le selelo sa bogalaka kwa Rama: ‘Ragele o lelela bana ba gagwe, mme o gana go gomotsega ka ntlha ya bone, gonne ga ba tlhole ba le teng.’ ”


Le fa ke goa, ke lelela thuso, thapelo ya me o a e gana.


Le gona go tla nna selelo mo masimong otlhe a moweine, mogang ke ralalang mo gare ga lona,” go bua Morena.


Morena a re: “E tla re ka letsatsi leo go utlwale go goa go tswa kwa Kgorong-ya-Ditlhapi, le selelo se tswa kwa Motseng-o-mošwa, le loratla lo logolo lo tswa kwa mebotong.


Teng foo go tla nna selelo le phuranyo ya meno, motlhang lo bonang Aborahame le Isaka le Jakobe le baporofeti botlhe mo pusong ya Modimo, mme lona lo leleketswe kwa ntle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan