Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 11:5 - Setswana 1970

5 Mme go tla swa bana ba maitibolo botlhe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka morwa Farao wa ntlha yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala le maitibolo otlhe a diruiwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ba burure botle ba hatsi ya Egepeto ba tla shua, go simolola ka oa burure oa ga Faroe eo o rutseñ mo teroneñ ea gague, le kua go oa burure oa lelata ye le kua morago ga loloala; le tsa maitibolo cotle tsa likhomu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 mme bana ba ntlha botlhe mo lefatsheng la Egepeto ba tlaa swa, go simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Faro yo o dutseng mo setulong sa bogosi go ya ngwaneng wa ntlha wa lelata le le fa morago ga lelwala; le maitibolo otlhe a dikgomo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 11:5
13 Iomraidhean Croise  

Le gona a itaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la bone, e bong matsalwapele a thata yotlhe ya bone.


Ke ene yo o iteileng maitibolo a Egepeto, a batho le a dikgomo;


Yo o iteileng Baegepeto ka go bolaya maitibolo a bona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.


Wa itaya maitibolo a tsotlhe mo lefatsheng la Egepeto, le bana ba ntlha ba thata ya bona mo ditenteng tsa ga Hame.


“Gonne ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto bosigo joo, ke bolaya maitibolo otlhe a batho le a diruiwa mo lefatsheng la Egepeto. Ke tla dirafatsa katlholo le petso jalo mo medimong yotlhe ya Egepeto, nna Morena.


Jaanong ya re gare ga bosigo Morena a bolaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la Egepeto, a simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Farao yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a fetsa ka ngwana wa ntlha wa mogolegwi yo o mo ntlong ya kgolegelo le maitibolo otlhe a diruiwa.


Gonne e rile Farao a le peloethata, a gana go re naya tsela, Morena a bolaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la Egepeto, e bong a batho le a diruiwa. Ke ka moo re tlhabelang Morena maitibolo otlhe a tse di ditonanyana, mme re rekolola bomorwaa-rona ba ntlha botlhe.


Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ”


Tsaya tshilo, o sile bupe; apola lesire la gago, tsholetsa diaparo, ikapole dirope, o tshele dinoka!


Makau a na le go kuka lolwala; basimane ba wa ba imetswe ke dikota.


Basadi ba babedi ba tla bo ba sila mo lelwaleng; mongwe o tla tsholwa, yo mongwe a tlogelwe.


Ke ka tumelo, fa a ne a baakanya Tlolaganyo le tshaso ya madi gore mmolai wa batsalwapele a se ka a ba ama.


Mme Bafelesita ba mo tshwara, ba mo gonya matlho, ba mo isa kwa Gasa, ba mo golega ka dikeetane tse pedi tsa kgotlho, mme tiro ya gagwe ya nna go sila mo ntlong ya kgolegelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan