Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 11:4 - Setswana 1970

4 Moše a raya Farao a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Gare ga bosigo ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 ¶ Mi Moshe a re, Go buile yalo Yehova, Ki tla coela gare ga Egepeto e kane e le gare ga bosigo:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Moše a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘Ke tlaa re e ka ne e le bosigogare ke tswe ke ye kwa gare ga Egepeto;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 11:4
12 Iomraidhean Croise  

Mme e re o utlwa mokgwasa wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku, o itlhaganele; gonne foo Morena o tla bo a bolotse, a go etelela pele go fenya mephato ya Bafelesita.”


Ba swa ka tshoganyetso gare ga bosigo; morafe o rerege o nyelele; yo o thata a tlosiwe e se ka seatla.


Moabe ke mogopo wa me wa go tlhapela. Setlhako sa me ke se latlhela mo go Etomo; ntudueletsa, wena Felesita.”


Gonne ke molao o o beetsweng Iseraele, ke se se siametseng Modimo wa ga Jakobe.


“Gonne ke tla photlaphotla lefatshe la Egepeto bosigo joo, ke bolaya maitibolo otlhe a batho le a diruiwa mo lefatsheng la Egepeto. Ke tla dirafatsa katlholo le petso jalo mo medimong yotlhe ya Egepeto, nna Morena.


Gonne Morena o tla photlaphotla lefatshe go bolaya Baegepeto, mme e tla re fa a bona madi a a mo mophakaregong le mo dintlheng tsoo pedi tsa mojako, a fete mojako oo, a se ke a dumelele mosenyi go ka tsena mo matlong a lona go lo bolaya.


Jaanong ya re gare ga bosigo Morena a bolaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la Egepeto, a simolola ka ngwana wa ntlha wa ga Farao yo o tla nnang mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a fetsa ka ngwana wa ntlha wa mogolegwi yo o mo ntlong ya kgolegelo le maitibolo otlhe a diruiwa.


Morena o tla bolola jaaka mogale, a tlhotlheletsa tlhoafalo jaaka motlhabani. O tla tlhaba mokgosi wa tlhabano, ee, o tla duma, a fenya baba ba gagwe a re:


“Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.


Le gona go tla nna selelo mo masimong otlhe a moweine, mogang ke ralalang mo gare ga lona,” go bua Morena.


Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone.


“Mo gare ga bosigo ga opiwa mokgosi ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswaang lo ye go mo kgatlhantsha!’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan