Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 11:3 - Setswana 1970

3 Mme Morena a naya morafe go bona bopelotlhomogi mo go Baegepeto. Le monna yoo, e bong Moše, a kaiwa mogolo thata ke batlhanka ba ga Farao le morafe otlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Yehova a nela bathu tsalano mo maitloñ a Baegepeto: Le gona monona Moshe o la le mogolu bogolu mo hatsiñ ya Egepeto ha pele ga maitlo a batlañka ba ga Faroe, le ha pele ga maitlo a bathu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Jehofa a naya batho tsalano mo matlhong a Baegepeto. Gape monna yoo, e bong Moše, o ne a le mogolo thata mo lefatsheng la Egepeto, mo matlhong a batlhanka ba ga Faro le mo matlhong a morafe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 11:3
14 Iomraidhean Croise  

Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso.


Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo.


ka nna nao gongwe le gongwe kwa o ileng teng, ka nyeletsa baba botlhe ba gago fa pele ga gago. Le gona ke tla go direla leina le legolo le le tshwanang le leina la bagolo ba lefatshe.


Gonne Moretogai o ne a le mogolo mo ntlong ya kgosi, mme tumedi ya gagwe ya utlwala mo mafatsheng otlhe; gonne monna yoo, Moretogai, a nna a godisediwa pele.


A dira gore ba tlhomogelwe pelo ke botlhe ba ba ba isitseng botshwarong.


Le gona Baiseraele ba ne ba dirile, jaaka Moše a ba laetse: Ba lopile Baegepeto dilo tsa selefera le tsa gouta le diaparo.


Mme Morena a naya batho tsalano mo Baegepetong, ba newa se ba se kopang. Ba thukhutha Baegepeto jalo.


“Le gona ke tla naya morafe o go bona bopelotlhomogi mo matlhong a Baegepeto: E tla re fa lo huduga, lo se ke lo huduge lo iphotlhere fela.


Bomorwa bagateledi ba gago ba tla tla, ba go ikobela; botlhe ba ba go kgobileng ba tla go khubamela fa patong tsa dinao tsa gago, ba go bitsa ‘Motse wa Morena’ le ‘Sione wa Moitshepi wa Iseraele’.


Moše a rutwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto, a nonofa mo mafokong le mo ditirong tsa gagwe.


Mme ga se ka ga tlhola go tsoga moporofeti gape mo Iseraeleng yo o tshwanang le Moše yo Morena o neng a kopana nae ba lebagantse difatlhego;


go se ope yo o tshwanang nae ntlheng ya ditshupo tsa mefutafuta le dikgakgamatso tse Morena o neng a mo roma gore a di dire kwa lefatsheng la Egepeto mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la gagwe


Ka letsatsi leo Morena a godisa Jošua mo matlhong a Baiseraele botlhe, mme ba mmoifa ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe jaaka ba ne ba boifa Moše.


Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan