Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 11:2 - Setswana 1970

2 A ko o bolele mo ditsebeng tsa morafe gore monna mongwe le mongwe a lope dilo tsa selefera le tsa gouta mo go yo o bapileng nae; le mosadi mongwe le mongwe a di lope jalo mo mosading yo o bapileng nae.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Bua mo tsebeñ tsa bathu, gore monona moñue le moñue a arime moñ ka ena, le mosari moñue le moñue a arime moñ ka ena, lilo tsa selevera, le lilo tsa gouda.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Bua jaana mo ditsebeng tsa batho, a monna mongwe le mongwe a kope yo o bapileng nae, le mosadi mongwe le mongwe a kope yo o bapileng nae mekgabo ya selefera le mekgabo ya gouta.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 11:2
16 Iomraidhean Croise  

Motlhanka a ba a ntsha mekgabo ya selefera le ya gouta le diaparo, a di fa Rebeka; kgaitsadie le mmaagwe le bone a ba fa tsa tlhwatlhwa e kgolo.


Ke Modimo o o amogileng rraeno difutshane, wa di nnaya.


Ke fa a ba hudusa ba tshotse selefera le gouta, go se masalela ape mo ditsong tsa gagwe.


Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.


“Le gona ke tla naya morafe o go bona bopelotlhomogi mo matlhong a Baegepeto: E tla re fa lo huduga, lo se ke lo huduge lo iphotlhere fela.


Mme a mosadi mongwe le mongwe a kope dilo tsa selefera le tsa gouta le diaparo mo mosading wa Moegepeto yo o bapileng nae le mo go ene yo e leng moeng mo lapeng la Moiseraele; lo di apese bomorwa-lona le bomorwadia-lona, lo thukhuthe Baegepeto jalo.”


Ka ba raya ka re: ‘Yo o nang le gouta, a a e role.’ Ba e nneela. Ka e latlhela mo molelong, ga tswa namane e.”


Ga tla banna le basadi, botlhe ba ba peloditshweu ba tlisa dikgokelo le manyena le dipalamonwana le dibaga, e le dilo tsa mefutafuta tsa gouta; le botlhe ba ba nayang Morena gouta ka go e kgadikanya,


Yo o molemo o tlogelela bana ba bana boswa, mme dithoto tsa moleofi di bolokelwa mosiami.


‘Selefera ke ya me le gouta ke ya me,’ go bua Morena wa masomosomo.


A ga ke a letlelelwa go dira se ke se ratang ka tsa me? A kampo leitlho la gago le bosula, ka ke le molemo?’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan