Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 11:10 - Setswana 1970

10 Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi Moshe le Arone ba le ba riha likhakhamaco tse cotle ha pele ga Faroe: mi Yehova a thatahatsa pelu ea ga Faroe; gore a si lese bana ba Yeserele go coa mo hatsiñ ya gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Mme Moše le Arone ba dira dikgakgamatso tsotlhe tse fa pele ga Faro; Jehofa a thatafatsa pelo ya ga Faro a se ka lesa bana ba Iseraele go tswa mo lefatsheng la gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 11:10
17 Iomraidhean Croise  

Modimo o pelo-e-botlhale, o thata nonofong. Ke mang yo o kileng a o ganetsa, a se ka a bona petso?


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se lese Baiseraele go tsamaya.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao, a se ka a rata go ba naya tsela.


Morena a ba a raya Moše le Arone mo lefatsheng la Egepeto a re:


Fela ke itse gore kgosi ya Egepeto ga e ka ke ya lo dumelela go tsamaya, fa e sa patelediwe ka thata.


Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga.


Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya ga Farao, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le digakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse Moše.


Morena ke ka ntlhaang, fa o re leseletsa go fapoga mo ditseleng tsa gago; fa o thatafatsa dipelo tsa rona, mo re sa tlholeng re go boifa? Boa ka ntlha ya batlhanka ba gago le ka ntlha ya ditso tse e leng boswa jwa gago!


“O foufaditse matlho a bone, a thatafatsa dipelo tsa bone gore ba se bone ka matlho le e seng go tlhaloganya ka pelo, ba tloga ba sokologa, mme ka ba fodisa.”


Ke ka moo o itshwarelang yo o ratang go mo itshwarela; e bile o thatafatsa pelo ya yo o ratang go e thatafatsa mo go ene.


Mme wena o ka reng, fa Modimo o o ratileng go supa bogale jwa ona le go itsise thata ya ona, o itshoketse ka bopelotelele jo bogolo dilwana tsa bogale tse di diretsweng tshenyego,


“Mme Sihone kgosi ya Hešebone a gana re le ralala; gonne Morena, Modimo wa lona, o ne a kwatlaladitse, mowa wa gagwe, a thatafaditse pelo ya gagwe gore a tle a mo neele mo diatleng tsa lona jaaka go dirafetse jaanong.


Gonne e ne e le Morena yo o thatafatsang dipelo tsa bone, mo ba bololang go tlhabana le Baiseraele gore bone ba dirafatse khutso ya Modimo mo go bone, mme ba se ka ba bona bopelotlhomogi bope, mme ba ba fedise jaaka Morena a laotse Moše.


Ke ka ntlha ya eng fa lo thatafatsa dipelo tsa lona jaaka Baegepeto le Farao ba ne ba thatafaditse dipelo tsa bone? A ga ke re, e rile Modimo o sena go ba bontsha thata ya ona, ba naya Baiseraele tsela, ba tsamaya!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan