Ekesodo 11:1 - Setswana 19701 Jaanong Morena a raya Moše a re: “Ke tla tlisa petso e nngwe gape e ke tla watlhayang Farao le Baegepeto ka yona; morago ga moo o tla lo naya tsela gore lo tloge mono; e bile o tla lo leleka ka thata mogang a lo lesang go huduga gotlhe. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 MI Yehova a bo a buile le Moshe, Ki tla hela ki lere peco eñue go Faroe le mo Egepeto; mi o tla lo lesa go ea morago ga mouo: etlare mogañ o lo lesa go ea, o tla lo lelekela rure go coa mono. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 Jehofa a raya Moše a re: “Ke sa ntse ke tlaa lere petso e nngwe gape mo go Faro, le mo Egepeto; morago ga moo o tlaa lo lesa lo tswa mono; o tlaa re motlhang o lo lesang a lo kgorometse, a lo ntshetse ruri gotlhe fela mono. Faic an caibideil |
Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona?