Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 10:3 - Setswana 1970

3 Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Bahebere, o bua jaana a re: ‘O tla gana goleele go le kae go ikokobetsa fa pele ga me? Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Moshe le Arone ba ea go Faroe, ba mo raea, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bahebera, U tla gana ka bolele bo le kai go ikatisa ha pele ga me? lesa bathu ba me ba ee, gore ba ’ntihele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Moše le Arone ba tsena kwa go Faro ba mo raya ba re: “Jehofa o bua jaana, e bong Modimo wa Bahebere a re: ‘O tlaa gana ka boleele bo le kae go ikisa kwa tlase fa pele ga me? Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ntirele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 10:3
28 Iomraidhean Croise  

Mme Elia a atamela batho botlhe, a ba botsa a re: “Lo tla nna dimao tse di ntlha-pedi go fitlha leng? Fa Modimo e le Morena, mo saleng morago; mme fa e le Baale, mo lateleng!” Mme batho ba se ka ba mo araba sepe.


“A o bonye jaaka Ahabe a ikokobetsa fa pele ga me? E re ka a ikokobetsa fa pele ga me, ga ke ne ke tlisa tatlhego mo malatsing a gagwe, ke tla e tlisetsa lelapa la gagwe mo malatsing a ga morwawe.”


E re ka pelo ya gago e le boleta, mme o ikokobeditse fa pele ga Morena, jale fa o utlwa tse ke di omanetseng ka ga felo fano le baagi ba gona ka re: Ba tla fetoga theregiso le khutso; ka o ikgagotse diaparo, o ledile fa pele ga me, le nna ke go utlwile! Morena a re jalo.


Mme ya re a le mo tlalelong, a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwe;


Mme thapelo ya gagwe le ka fa a utlwilweng ka teng le boleo jotlhe jwa gagwe le boikanyologo jwa gagwe le mafelo kwa o neng a aga dithota tsa tlhabelo, a tlhoma medimako ya Ašera le medimo ya diseto teng, a ise a ikokobetse, kana tsona di kwadilwe mo ditirafalong tsa baboni.


E re ka pelo ya gago e le boleta, mme o ikokobeditse fa pele ga Modimo, fa o utlwa mafoko a ona ka ga felo fano le ka ga baagi ba gona, le ka o ikokobeditse fa pele ga me, wa ikgagola diaparo, wa lela fa pele ga me, le nna ke go utlwile. Morena a re jalo.


mme morafe wa me o o bidiwang ka fa leineng la me o ikokobetsa, ba rapela, ba batla sefatlhego sa me, ba boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, foo ke tla utlwa ke le kwa legodimong, ke itshwarela boleo jwa bone, ke alafa lefatshe la bone.


Ka moo ke a inyatsa, ke a ikwatlhaya ke le leroleng le moloreng.”


Gonne fa o gana go naya morafe wa me tsela, ke tla tlisa tsie mo nageng ya gago kamoso.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Lo tla gana goleele go le kae go tshegetsa ditaolo tsa me le melao ya me?


Mme ke go laola ke re: Naya morwaake tsela gore a ye go ntirela, mme fa o ka gana go mo lesa a tsamae, ke tla bolaya morwao wa ntlha.’ ”


Morago ga moo Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Lesa morafe wa me o ye go ntirela moletlo mo sekakeng!’ ”


O sa ntse o thibela morafe wa me, o sa o lese go tsamaya.


Bo re: “Lona ba lo sa tlhalefang lo tla rata go se tlhalefe go fitlha leng? Basotli ba tla khutla leng go kgatlhwa ke ditshotlo? Masilo a tla lesa leng go tlhoa kitso?


E re ka ke biditse, mme lwa gana; ke otlolotse letsogo, mme ga se ka ga tlhokomela ope;


Boikgodiso jwa pelo ya motho bo etelela tatlhego ya gagwe pele, mme boikokobetso bo latelwa ke tlotlego.


Lo sa ntse lo ka bediwa fa kae, ka lo ntse lo tlhanogela pele? Kana tlhogo yotlhe e botlhoko, pelo yotlhe e a lwala.


Matlho a a ikgodisang a motho a tla kokobediwa; bogolo jwa banna bo tla obiwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo.


Batho ba ba bosula ba, ba ba ganang go utlwa lefoko la me, ba ba sepelang ka bopeloethata jwa bone, ba latela medimo e sele, ba e direla, ba e obamela – ba tla nna jaaka moitlamo o, o o se nang mosola ope.


Raya kgosi le mma-kgosi o re: “Fologang, lo nneng fa fatshe, gonne serwalo se sentlentle sa lona sa bogosi se wele mo ditlhogong tsa lona.


“Bitsang bahudi, ba tlhasele motse wa Babele! Lona lotlhe ba lo gagamatsang mara, o dikanyetseng ka ntwa. A go se ka ga falola ope! O dueleng ka fa tirong ya ona; o direleng tsotlhe tse o di dirileng! Gonne o ne o ikgodisetsa Morena, Moitshepi wa Iseraele.


Mme o ganeditse ditshiamo tsa me ka boikepo bogolo go ditšhaba, le melao ya me bogolo go mafatshe a a mo tikologong ya gagwe. Gonne ba Jerusalema ba nyaditse ditshiamo tsa me, ba se ka ba sepela ka fa melaong ya me.


“Jaanong wena Belešatsare morwawe, ga ò a ka wa kokobetsa pelo ya gago, le fa ò ne ò itse dilo tsotlhe tseo.


“Phuthego e e bosula e, e tla nna e nngongoregela go fitlha leng? Dingongorego tsa Baiseraele tse ba sa bolong go nngongoregela ka tsona ke di utlwile.


A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong?


Itiseng gore lo se ka lwa gana yo o buang. Gonne fa bale ba se ka ba falola, ba ba ganneng yo o ba laetseng mo lefatsheng, bogolo jang rona, fa re hularela yo o re laelang a le mo magodimong,


Ikokobetseng fa pele ga Morena, mme o tla lo godisa.


Ka moo, ikokobeletseng letsogo le le thata la Modimo gore o tle o lo godise ka nako e e leng yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan