Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 10:21 - Setswana 1970

21 Morena a ba a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto le e keteng motho a ka le tshwara ka seatla.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi Yehova a raea Moshe, Otlololela atla sa gago legorimo, gore lehihi le ne mo hatsiñ ya Egepeto: eboñ lehihi ye le ka apa‐apioañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Jehofa a raya Moše a re: “Otlololela letsogo la gago legodimong gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto, e nne lefifi le le ka apaapiwang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 10:21
23 Iomraidhean Croise  

gore ba kgatlhane le lefifi bo ntse bo sele, ba apaape motshegare jaaka bosigo.


A romela lefifi, a fifatsa; mme ba tlhokomologa lefoko la gagwe.


A tsela ya bona e nne lefifi le boreledi, fa moengele wa Morena a ba leleka.


Wa ba romela bogale jo bo tukang jwa ona, le kgakalo le kgalefo le pitlagano, lesomo leo la barongwi ba tlalelo.


Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o otlolole letsogo godimo ga metsi a Baegepeto le godimo ga dinoka tsa bone le dinokana tsa bone le matsha a bone le megobe yotlhe, fa metsi a phuthegelang teng gore a fetoge madi.’ Madi a tla nna teng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le mo megopong ya logong le ya letsopa.”


Jaanong Morena a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go ne sefako mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se rothothe batho le diruiwa le dijwalo tsotlhe tsa masimo mo lefatsheng la Egepeto.”


Mme tsela ya baikepi e tshwana le lefifi; ga ba itse gore ba tla kgotšwa ke eng.


Motlhalefi o na le matlho mo tlhogong ya gagwe, mme lesilo le sepela mo lefifing. Mme le gona ka lemoga gore tatlhego e ba wela botlhe ka go tshwana.


gonne yona e tla e se ya sepe e be e tloge mo lefifing; mme leina la yona le khurumediwe ke lefifi.


E tla re ò swa, ke sire legodimo, ke fifatse dinaledi, ke khurumetse letsatsi ka maru; le ngwedi ga o nke o ntsha lesedi la ona.


Go tloga ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro ya thapama.


Ya re ka nako ya motshegare ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama.


Jaanong e ne e setse e ka nna nako ya motshegare; mme ga nna lefifi mo lefatsheng lotlhe go ya nakong ya boraro thapama,


Morena, Modimo wa lona, yo o lo etelelang pele, ke ene yo o tla lo tlhabanelang fela jaaka a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona,


O tla nna o fophola motshegare jaaka sefofu se tle se fophole mo lefifing; ga o kitla o tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; o tla nna o gatelelwa fela, o thukhuthwa dilo ka metlha yotlhe, go se na mothusi.


Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona?


Bao ke metswedi e e se nang metsi, ke mouwane o o kgweediwang ke ledimo, ke ba ba boloketsweng lefifi le lentsho.


Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele ba ba leofileng, mme wa ba digela kwa moleteng, wa ba bofa ka dikgole tsa lefifi gore ba bolokelwe katlholo;


Ke makhubu a lewatle a a gwasang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang, ba boloketswe bontsho jwa lefifi ka bosakhutleng.


Le baengele ba ba se kang ba boloka maemo a bone, mme ba tlogela boago jwa bone, o ba boloketse katlholo ya letsatsi le legolo ka dikgole tse di sa khutleng mo lefifing;


Moengele wa bone a letsa; mme karolo ya boraro ya letsatsi ya itewa le karolo ya boraro ya ngwedi le karolo ya boraro ya dinaledi, gore karolo ya boraro ya tsona e fifale le gore karolo ya boraro ya motsi e tlhoke lesedi, le bosigo fela jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan