Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 10:16 - Setswana 1970

16 Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone ka potlako a re: “Ke leofetse Morena, Modimo wa lona, le lona ke lo leofetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 ¶ Eareha gona Faroe a akoha a bitsa Moshe le Arone, mi a re, Ki leohetse Yehova Morimo oa lona, le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Foo Faro a bitsa Moše le Arone ka potlako; a re: “Ke leofetse Jehofa Modimo wa lona, le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 10:16
14 Iomraidhean Croise  

Kana motlhanka wa gago o a itse gore o leofile. Fela bona, kajeno ke tlile ke le wa ntlha wa lotso lotlhe lwa ga Josefa go tla go kgatlhantsha kgosi mong wa me.”


Mme e rile Dafita a sena go bala batho, a itewa ke letswalo. Ke fa Dafita a raya Morena a re: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng. Mme jaanong, Morena, a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.”


Ya re Dafita a bona moengele a ntse a bolaya batho ba morafe, a raya Morena a re: “Kana ke nna ke leofileng, ke nna ke sentseng, mme dinku tse, di dirileng? A letsogo la gago le ke le betse nna le ba lapa la ga rre!”


Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Yaang lo direle Modimo wa lona ditlhabelo mo lefatsheng le.”


Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Nthapeleleng Morena gore a tlose digwagwa mo go nna le mo morafeng wa me. Foo ke tla naya morafe tsela gore o ye go direla Morena ditlhabelo.”


Ke fa Farao a roma, a bitsa Moše le Arone, a ba raya a re: “Jaanong ke leofile. Morena o siame, mme nna le morafe wa me ga re a siama.


Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo o a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo.


Jaanong batho ba ya kwa go Moše ba re: “Re leofile, gonne re ngongoregetse Morena le wena. Rapela Morena gore a tlose dinoga mo go rona.” Moše a ba a rapelela morafe.


Ke fa Bileame a raya moengele wa Morena a re: “Ke leofile ka gonne ke ne ke sa itse, fa o ne o eme mo tseleng go nthibela. Jaanong he, fa go le bosula mo matlhong a gago, nte ke boe.”


a re: “Ke leofile, ka ke tshwarisitse motho yo o se nang molato.” Bona ba re: “Ga re na sepe le tseo. A go bone wena!”


Ke fa Saule a raya Samuele a re: “Ke leofile, gonne ke tlodile taolo ya Morena le mafoko a gago; ka gonne ke boifile batho, ka utlwa mantswe a bone.


Jaanong Saule a re: “Ke leofile, mme a ko o ntlotle jaanong fa pele ga bagolo ba morafe wa me le fa pele ga Baiseraele, o boe le nna gore ke obamele Morena, Modimo wa gago.”


Saule a re: “Ke leofile. Boa, morwaaka Dafita! Gonne ga nkitla ke tlhola ke go direla bosula, ka gonne bophelo jwa me bo ne bo tlotlega thata kajeno mo matlhong a gago. Ka nnete, ke dirile bosilo, ka fosa gagolo thata.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan