Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 1:7 - Setswana 1970

7 bana ba bone, e bong Baiseraele ba sala ba ata, ba ntsifala, ba nna bantsi, mo ba bileng ba tlala ka lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi bana ba Yeserele ba ata, mi ba totahala segolu, mi ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu bogolu, ea tsamaea ba tlala lehatsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Bana ba Iseraele ba ungwa thata, ba ata mo gogolo, ba ntsifala, ba nonofa ka thata e e feteletseng, ba tlala ka lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 1:7
29 Iomraidhean Croise  

Modimo wa ba wa re: “A go nyeule bontsi jwa dilonyana tse di phelang mo metsing; le dinonyane di fofe kwa godimo ga lefatshe fa tlase ga loapi lwa legodimo!”


Modimo wa ba tshegofatsa, Modimo wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale, lo tlale ka lefatshe, lo le laole, lo buse ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diphedi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.”


Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso.


Ke tla atisa losika lwa gago jaaka lerole la lefatshe; ke go re, fa motho a ka kgona go bala lerole la lefatshe, losika lwa gago le lone lo tla nna le go ka balwa.


A ba a mo ntshetsa kwa ntle a mo raya a re: “A ko o lelale kwa legodimong, o bale dinaledi, fa o ka kgona go di bala!” A ba a mo raya a re: “Losika lwa gago lo tla nna kalo.”


Ke tla mo tshegofatsa, mme le ka ene ke tla go naya ngwana wa mosimane; ke tla mo tshegofatsa gore a nne mmaditšhaba; dikgosi tsa merafe di tla tswa mo go ene.”


ke tla go tshegofatsa thata, losika lwa gago ke tla lo ntsifatsa gagolo jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Losika lwa gago lo tla thopa metse ya baba ba lone.


A huduga teng, a epa sediba se sengwe; sona ba se ka ba se lwela. Ke fa a se taya leina la “Naga-e-e-atlhameng” a re: “Ruri, jaanong Morena o re file naga e e atlhameng gore re ate mo lefatsheng.”


Ke tla atisa bana ba gago, ba nna bantsi jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya losika lwa gago mafatshe aotlhe ao, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago.


Losika lwa gago lo tla nna jaaka lerole la lefatshe; o tla anamela kwa bophirimatsatsi le kwa botlhabatsatsi le kwa bokone le kwa borwa. Ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena le ka losika lwa gago.


Modimo wa ba wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. “Ata o ntsifale! Go tla tswa setšhaba le bontsi jwa ditšhaba mo go wena. Le dikgosi di tla tswa mo go wena.


Modimo wa re: “Ke nna Modimo, e bong Modimo wa ga rraago. Se boife go hudugela kwa Egepeto; gonne ke tla go dira setšhaba se segolo teng.


Baiseraele ba nna mo lefatsheng la Egepeto mo nageng ya Gosene, ba e ja boswa, ba ata, ba ntsifala thata.


moengele yo o nkgolotseng mo masuleng otlhe, a a tshegofatse basimane ba! A leina la me le maina a borre, e bong Aborahame le Isaka, a tume ka bone; a ba ate, ba nne bantsi thata mo lefatsheng.”


wa nthaya wa re: ‘Bona, ke tla go atisa, ke go ntsifatsa, ke go dira bontsi jwa merafe; ke tla naya ba losika lwa gago lefatshe le sehularong sa gago go nna boswa jo bo sa khutleng.’


Jaanong Modimo wa tshegofatsa Noa le bomorwawe, wa ba raya wa re: “Atang lo ntsifale lo tlale ka lefatshe!


Wa ba atisetsa bana jaaka dinaledi tsa legodimo, wa ba fitlhisa kwa lefatsheng le o neng o le solofeditse borraabo wa re, ba tla tsena ba le rua.


Mme Morena a atisa morafe wa gagwe segolo, a o thatafatsa bogolo go baba ba ona.


Mme a ba tshegofatsa, ba be ba ntsifala thata; diruiwa tsa bona a se ka a di fokotsa.


Mme le fa ba ba bogisa thata, bone ba ata thata, ba anama segolo, mo Baegepeto ba bileng ba boifa Baiseraele.


Baiseraele ba huduga jalo kwa Ramasese, ba ya kwa Sukothe; e ne e ka nna banna ba le 600 000 ba ba sepelang ka dinao, go sa balwe bana.


Farao a ba a re: “Bonang, ba setse ba atile thata mo lefatsheng la rona. Jaanong a lona lo rata go ba ikhutsisa mo ditirong tsa bone?”


Ka go ntsifatsa segolo jaaka ditlhogi tsa naga, mme wa gola, wa nna mogolo, wa nna montle thata. Ò ne ò dule mabele, moriri wa gago o ne o godile, mme ò ne ò sa ikatega, ò sa apara sepe.


Modimo wa morafe o wa Iseraele o itlhaoletse borraetsho, wa godisa morafe o le kwa majakong mo lefatsheng la Egepeto, wa ba ntsha teng ka letsogo le le tsholetsegileng.


Borraeno ba kile ba fologela kwa Egepeto e le batho ba le 70, mme jaanong Morena Modimo wa lona o lo atisitse go nna kana ka dinaledi tsa legodimo.


Mme o tlhatlose lentswe, o bolele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, o re: ‘Rraetsho e ne e le Mosiria yo o kgarakgatshegang, a fologela kwa Egepeto, a ya go jaka teng, a na le batho ba se kae fela, mme teng a nna setšhaba se segolo, se se thata, se sentsi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan