Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 1:21 - Setswana 1970

21 Mme ya re ka babelegisi ba boifa Modimo, ona wa ba naya malapa a a tletseng bana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi ga rihala ka baelegisi ba boiha Morimo, oa ba rihela matlu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Ga diragala ya re ka babelegisi ba boifa Modimo wa ba direla metse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 1:21
14 Iomraidhean Croise  

Jaanong fa o ka utlwa tsotlhe tse ke tla di go laelang, wa sepela mo ditseleng tsa me, wa dira tse di siameng mo matlhong a me ka go tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me jaaka go dirile Dafita motlhanka wa me, foo ke tla nna nao ke go agela ntlo e e tlhomameng jaaka ke e agetse Dafita, ke go naya Iseraele.


Mme jaanong, ka bophelo jwa Morena yo o ntlhomamisitseng, a mpaya mo sedulong sa bogosi sa ga rre Dafita, a nkagela ntlo jaaka a solofeditse – ruri, Atonia o tla bolawa kajeno.”


Haleluya! Go sego monna yo o boifang Morena, yo ditaolo tsa gagwe di mo kgatlhang segolo.


Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Salomo. Fa Morena a sa age ntlo, baagi ba yona ba tla bo ba itapisetsa lefela; fa Morena a sa dise motse, modisa o tla bo a itlhobaeletsa lefela.


Bona, basimane ke neo ya Morena; leungo la sebopelo ke tuelo.


Ikanye Morena, o dire se se molemo; aga mo lefatsheng, o ikanyege;


Mme babelegisi ba bo ba boifa Modimo, ba se ka ba dira ka fa kgosi ya Egepeto e ba laetseng ka teng, ba leseletsa basimane go phela.


Ntlo e agiwa ka botlhale; e thewa sentle ka maatlametlo,


Motho o a tle a leofe, a dire bosula ga lekgolo, a ba a phele sebaka se seleele – fela nna ke itse gore ba ba boifang Modimo, ba ba tshabang sefatlhego sa ona ke bone ba ba tla phelang sentle.


“Yaa kwa losikeng lwa Baregabe, o bue nabo, o ba ise kwa Ntlong ya Morena mo go nngwe ya matlwana, o ba nee weine, ba nwe.”


Mme ke tla itlhomela moperesiti yo o ikanyegang; o tla dira tse di mo pelong ya me le mo moweng wa me. Ke tla mo naya losika lo lo tlhomameng; o tla sepela fa pele ga motlodiwa wa me ka metlha yotlhe.


A ko o itshwarele molato wa lelata la gago. Gonne ka nnete, Morena o tla direla morena wa me ntlo e e tlhomameng, ka morena wa me a lwa dintwa tsa Morena, mme go se kitla go bonwa bosula mo go wena bophelong jotlhe jwa gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan