Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 1:11 - Setswana 1970

11 Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ba ba laorisetsa balebeleri ba tiho go ba bogisa ka mebelego ea bona, mi ba agela Faroe metse eo pulukelo, eboñ Pitoma le Ramesesa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ke gone ka moo ba tlogileng ba ba tlhomela badirisi go ba utlwisa botlhoko ka merwalo ya bone. Ba agela Faro metse ya dipolokelo, e bong Pithome le Ramesese.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 1:11
21 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a raya Aborame a re: “O tshwanetse go itse gore losika lwa gago e tla nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone. Ba tla nna batlhanka teng, ba gatelelwa dinyaga di le 400.


Josefa a baya rraagwe le bomorwa-rraagwe mo lefatsheng la Egepeto mo nageng e e gaisang e e bidiwang Ramasese ka fa Farao a laetseng ka teng, a ba naya boswa jwa naga teng.


le metse yotlhe ya dipolokelo tsa mabele e Salomo o neng a na nayo, le metse ya dikoloi tsa ntwa le metse ya bapalami ba dipitse le tse Salomo o neng a eletsa go di aga mo Jerusalema le kwa Lebanone le mo lefatsheng lotlhe la puso ya gagwe.


Benehatate a utlwana le kgosi Asa, a roma balaodi ba mephato ya gagwe, ba bololela metse ya Iseraele, ba senya Iyone le Dane le Abele-Maime le metse yotlhe ya difala ya Nafetale.


a agelela Thatemore kwa sekakeng le metse yotlhe ya difala e o neng a e aga kwa nageng ya Hamathe.


ba tlhatlologanya dinageng, ba tswa setšhabeng ba ya setšhabeng, ba tlogela bogosi bongwe, ba ya kwa morafeng o mongwe.


Sefela sa go ya Tempeleng. “Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi go tswa bokaung jwa me” – a Baiseraele ba bue jalo ba re:


“Ba sa le ba mpitlaganya gantsintsi go tswa bokaung jwa me, mme ga ba a ka ba mphenya.


Dikgosi tsa masomosomo di a tshaba, di a tshaba; mme mosadi yo o setseng mo gae o aba thopo.


O o beile go nna tshupo mo go Josefa, jale fa o bololela lefatshe la Egepeto. Ke utlwa puo e ke ne ke sa e itse, e re:


ba galakisa bophelo jwa bone ka tiro e e bokete letsopeng le diekaneng le ka tiro tsa mefutafuta kwa masimo; ditiro tsotlhe tsa bone ba di ba dirisa setlhogo.


Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere.


Morena a re: “Ruri, ke bonye pogisego ya morafe wa me o o mo Egepeto, ke ba utlwile ba ledisiwa ke bagobagobetsi ba bone; tota ke itse botlhoko jwa bone.


Ke fa bagobagobetsi ba morafe le baokamedi ba ona ba tswa ba raya morafe ba re: “Farao o bua jaana a re: ‘Ga nka ke ka lo naya lotlhaka.


Ke fa baokamedi ba e leng Baiseraele ba ya kwa go Farao ba mo goela ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o direla batlhanka ba gago jaana?


Mme palo ya diekana e ba e dirileng pele lo e batle mo go bone, lo se ka lwa e fokotsa; gonne bone ke ditshwakga. Ke ka moo ba goang ba re: ‘Re lese re ye re direle Modimo wa rona ditlhabelo!’


Kgalefo e setlhogo, bogale bo a bela, mme lefufa lone le ka kgonwa ke mang?


Kana borraetsho ba kile ba fologela kwa Egepeto, ra nna teng sebaka se seleele, mme Baegepeto ba re direla bosula le borraarona.


Mme Baegepeto ba ne ba re direla bosula, ba re gatelela, ba re dirisa tiro e e bokete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan