Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 1:10 - Setswana 1970

10 Tlayang, re ba logeleng maano, e se re gongwe ba atela pele, mme ya re fa ntwa e ka tla, ba goga le baba ba rona, ba tlhabana le rona, ba tlogela lefatshe le.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Tlañ; re ba tlaleheñ, gore ba si intsihale, mi etlare khotsa tlabano e rihala, ba re ela mosheyane le baba ba rona, ba tlabana le rona, ba coa mo hatsiñ ye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ntlong, a re direng ka botlhale ka ga bone; ba ka tla ba ntsifala, mme go diragale gore motlha mongwe fa go nna ntwa ba pate baba ba rona, ba tlhabane le rona, mme ba itsamaele fela ba tswe mo lefatsheng la rona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 1:10
13 Iomraidhean Croise  

o o tshwarang batlhalefi ba ba boferefere gore maikaelelo a ba kgopo a senngwe ke bobebe jwa bone


Motlalelwi o pitlagantswe ka ntlha ya boikgantsho jwa baikepi. A ba tshwarwe ke maano a ba a logileng a boferefere.


O ne a ba tlhanola dipelo gore ba tlhoe morafe wa gagwe, ba direle batlhanka ba gagwe ka bolotsana.


Fa ba re: “Tlaya le rona, re lalele motho go tsholola madi, re ratele go bolaya yo o se nang molato ka bomo;


Go na le tsela e e siameng mo matlhong a motho, mme bokhutlo jwa yona ke tsela ya loso.


Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse Morena a ka kgonwang ka tsona.


Jaanong he, a ko o tle, o nkhutsetse morafe oo, gonne o thata bogolo go nna; ka gongwe nka kgona go o fenya le go o leleka mo lefatsheng. Gonne ke itse gore yo ò mo tshegofatsang o tshegofaditswe, mme yo ò mo hutsang o hutsitswe.”


E rile bo sena go sa, Bajuta ba dira kgolagano, ba ikana ka khutso gore ga ba kitla ba ja le e seng go nwa, ba ise ba bolae Paulo.


Ene yoo a direla losika lwa rona ka bolotsana, a tlhorisa borraetsho mo go botlhoko, a laola gore go latlhwe masea a bone, a tle a se ka a phela.


Mme dikgosana tsa Bafelesita tsa mo gakalela, tsa mo raya tsa re: “Busa monna yo! A a boele kwa felong ga gagwe fa o mmeileng teng, mme a se ka a fologela le rona kwa tlhabanong, e se re gongwe a re fetogela mmaba mo tlhabanong. Kana monna yo, o ka kgatlha morena wa gagwe ka eng? A ga se ka ditlhogo tsa banna ba?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan