Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Daniele 8:3 - Setswana 1970

3 Ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona phelehu e eme fa nokeng, e na le dinaka di le pedi; dinaka tse pedi tseo di ne di le ditelele, mme longwe lo le loleele go feta lo longwe; lo loleele lwa gola morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi ka culetsa maitlo a me, ka bona, mi bonañ, pheleu e eme ha pele ga molapo, e na le linaka li tu: mi linaka li li le telele; mi loñue lo lo lele go lo loñue, mi lo lo lele loa coa morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Foo ka tsholetsa matlho, ka leba, mme bonang, ga bo go eme fa pele ga noka phelefu e e dinaka pedi; dinaka tse pedi tsa bo di le ditelele; mme lo longwe lo feta lo longwe, lo lotelele lwa tswa morago ga lo longwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Daniele 8:3
25 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re Dafita a tsholetsa matlho, a bona moengele wa Morena a eme fa gare ga lefatshe le legodimo, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng ka letsogo le le otlololetsweng Jerusalema, Dafita le bagolo ba ba apereng masela a boikwatlhao ba wela fa fatshe ka difatlhego.


“Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe, a ba a ntaela ka esi gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta.


Le gona ba ba senyetsa ka go rapa bagakolodi gore ba senye maikaelelo a bone kwa kgosing malatsing otlhe a ga Korese kgosi ya Peresia le go fitlha pusong ya ga Dario kgosi ya Peresia.


Ka ngwaga wa boraro wa puso ya gagwe a direla dikgosana tsotlhe tsa gagwe le batlhanka ba gagwe moletlo. Le balaodi ba mephato ya Peresia le Media le batlotlegi le baokamedi ba mafatshe ba bo ba le fa pele ga gagwe.


“Bonang, ke tla ba tsosetsa Bamedia, ba ba sa reng sepe ka selefera, ba ba sa kgatlhweng ke gouta.


Ke bontshitswe pono e e thata: Senokwane se a thukhutha, mosenyi o a senya! Elame, bolola! Media, dikaganyetsa ka ntwa! Ke tla fedisa phegelo yotlhe.


Ke nna ke buang ka ga Korese ke re: ‘Ke modisa wa me. O tla fetsa tsotlhe tse di nkgatlhang,’ a raya Jerusalema a re: ‘Agiwa!’ A raya Tempele a re: ‘Thaiwa!’ ”


“Lootsang metsu, lo tsee dithebe! Morena o tlhotlheleditse bogale jwa dikgosi tsa Bamedia; gonne o logetse Babele maano a go mo senya. Gonne ke yona pusoloso ya Morena, ke gona go busolosetsa Tempele ya gagwe.


ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona monna yo o apereng lesela la letseta, a itlamile letheka ka gouta ya kwa Ufase.


Sehularong sa gago go tla tsoga bogosi jo bongwe jo bo fetwang ke jwa gago; morago ga moo bogosi jwa boraro jo e leng jwa kgotlho, jo bo tla busang lefatshe lotlhe.


Dario wa Momedia a amogela bogosi joo a le dinyaga di le 62.


Daniele yoo o ne a tshegofala mo pusong ya ga Dario le mo pusong ya ga Korese wa Moperesia.


“Ka ba ka bona sephedi se sengwe sa bobedi, se tshwana le Bere, se emisitswe ka lotlhakore lo lo longwe, se hupile dikgopo di le tharo ka meno; sa laolwa ga twe: ‘Tsoga o je nama thata!’


Ka bona mo ponong; ya re ke leba, ya ne e kete ke mo ntlong ya borena e e kwa Susane mo nageng ya Elame; ka ipona mo ponong ke le fa nokeng Ulai.


“Phelehu e o e bonyeng e e nang le dinaka tse pedi ke dikgosi tsa Media le Peresia.


Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona dinaka di le nne.


Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba; ka bona monna yo o tshotseng mogala o o lekanyang.


Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa.


Jaanong moengele yo o buang le nna a nkatamela, a nthaya a re: “A ko o tsholetse matlho, o bone se se tswang fale.”


Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona basadi ba le babedi ba tlhaga, go le phefo mo diphukeng tsa bone; ba na le diphuka tse di tshwanang le diphuka tsa makololwane, ba tloga ka tsaga ba fofa fa gare ga lefatshe le legodimo.


Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona dikoloi tsa ntwa di le nne, di tswa fa gare ga dithaba di le pedi, mme dithaba ya bo e le tsa kgotlho.


Bileame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba thibeletse ka fa ditsong tsa bone. Ke fa Mowa wa Modimo o tla mo go ene,


E kile ya re Jošua a ntse a le gaufi le Jerigo, a tsholetsa matlho, a leba, a bona monna a eme fa pele ga gagwe, a tshotse tšhaka a e somotse. Jošua a ya kwa go ene, a mmotsa a re: “A o wa rona kampo a o wa baba ba rona?”


Jaanong ka bona sebata se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; se na le dinaka di le pedi jaaka tsa kwana, mme se bua jaaka kgwanyape.


Jaanong fa gare, fa pele ga sedulo le diphedi tse nne le mo gare ga bagolo ka bona Kwana e eme, e kete e tlhabilwe, e na le dinaka di supa le matlho a supa a e leng Mewa e supa ya Modimo, e e rometsweng kwa lefatsheng lotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan