Basiamisi 9:5 - Setswana 19705 A ba a ya kwa kgotleng ya ga rraagwe kwa Ofera, a bolaya bomorwa-rraagwe, bana ba ga Jerubaale, banna ba le 70 mo lefikeng le le lengwe, mme ga falola Jothame morwa Jerubaale yo mmotlana, ka a ne a iphitlhile. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)5 Mi a ea kua tluñ ea rague kua Ofera, a bolaea bomoroa Yerubaale bana ba rague, banona ba sevente mo hikeñ le leñue: leha gontse yalo Yotame moroa Yerubaale eo motlana, a lesioa; gone o la a icuba. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo5 A ya kwa ntlong ya ga rraagwe kwa Ofera, mme a bolaya bomorwa rraagwe, bomorwa Jerubaale, e le batho ba le 70, a ba bolaela mo letlapeng le le lengwe fela; mme Jothame, morwa Jerubaale yo mmotlana a tlogelwa; gonne o ne a iphitlhile. Faic an caibideil |