Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 9:4 - Setswana 1970

4 Ba mo naya diselefera di le 70 di tswa mo ntlong ya ga Baale-wa-kgolagano. Mme Abimelege a rapa banna ba e seng ba sepe ka tsona ba ba ikgantshang; ba mo sala morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi ba mo naea liselevera li sevente mo tluñ ea Baala‐berite; mi a laletsa banona ba boithamako le ba bokaka ba ba mo salañ morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Ba mo naya madi a selefera a le 70, ba a tsaya mo ntlong ya ga Baale-berithe, mme Abimeleke a thapa ka yone banna ba ba difafalele le ba ba dieleele, ba ba tlogileng ba mo sala morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 9:4
11 Iomraidhean Croise  

Ya re Dafita a boa go dumedisa ba lapa la gagwe, Migale morwadia Saule a tswa go kgatlhantsha Dafita a re: “Kgosi ya Iseraele e ne e itlotla jang kajeno, fa e ikapola mo matlhong a malata a batlhanka ba yona jaaka go ikapola fela batho ba ba difatlha.”


Mme banna ba ba botlhofo ba disenyi ba phuthegela kwa go ene, ba ikgantsha, ba kgona Rehabeame morwa Salomo. Kana Rehabeame o ne a le mošwa, a le pelo e boi, a tlhoka thata fa pele ga bone.


Ke losika lwa masilo a a nyatsegang a a kobilweng mo lefatsheng ka seme.


Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla kgora bogobe; mme yo o latelang tse di se nang mosola ga a na tlhaloganyo.


Baporofeti ba ona ke difafalele fela; ke banna ba bolotsana; baperesiti ba ona ba itshepolotse Felo-fa-go-Boitshepo, ba sokamisa molao.


Jaanong Bajuta ba ba sa dumeleng ba itseela banna bangwe ba ba bosula ba ba difafalele, ba kgobokanya bontsi, ba feretlha motse; ba tlhasela ntlo ya ga Jasone, ba leka go ntshetsa Paulo le Silase mo bathong.


Ke fa Ifetha a tshaba, a tlogela bomorwa-rraagwe, a nna mo lefatsheng la Tobe. Mme banna ba ba motlhofo ba mo kgobokanela, ba bolola nae.


Mme ya re fela Giteone a sena go swa, Baiseraele ba boela kwa morago, ba dira boaka ka go latela boBaale, ba ipeela Baale-wa-kgolagano go nna modimo wa bone.


Mme ba tswela kwa masimo, ba fula mo masimong a meweine a bone, ba gata maungo a meweine, ba dira moletlo, ba tsena mo ntlong ya modimo wa bone, ba ja, ba nwa, ba hutsa Abimelege.


A ba a kgobokanelwa ke banna botlhe ba ba mo pitlaganyong le banna botlhe ba ba tsereng melato le banna botlhe ba ba pelo-di-botlhoko, a nna molaodi wa bone; ba nna nae e ka nna banna ba le 400.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan