Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 9:2 - Setswana 1970

2 “A lo ke lo botse mo ditsebeng tsa batho ba Šegeme botlhe lo re: ‘Se se molemo mo go lona ke eng? A ke go busiwa ke banna ba le 70 bomorwa Jerubaale botlhe, kampo go busiwa ke monna a le mongwe? Le gona lo gakologelwe fa ke le lesapo la lona le nama ya lona.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 A ko lo bue mo tsebeñ tsa beñ ba Shekema botle, lo re, Lo lemohaleloa ki gohe? ha bomoroa Yerubaale botle ba ka busa, ba e leñ banona ba sevente, khotsa monona a le moñue a lo busa? Le gona gakologeloañ ha ki le sapo ya lona, le nama ea lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Ke a lo rapela, lo tlo lo bue mo ditsebeng tsa banna botlhe ba Shekeme, lo re: ‘Se se molemo mo go lona ke eng? A ke bomorwa Jerubaale botlhe e le batho ba le 70, ba lo busa, kgotsa a e ka nna motho a le mongwe fela a lo busa?’ Gape lo gakologelwe fa ke le lesapo la lona, le nama ya lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 9:2
8 Iomraidhean Croise  

Ke fa Labane a raya Jakobe a re: “Ruri, o lesapo la me le nama ya me.” Jaanong Jakobe a nna kgwedi e le nngwe nae.


Fa e le Amasa, lo mo ree lo re: ‘A ga re a tsalwa mmogo, ra nna madi a le mangwe! A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa ke sa go dire molaodi wa mephato ka malatsi otlhe boemong jwa ga Joabe.’ ”


Morago ga moo Baiseraele botlhe ba phuthegela kwa go Dafita kwa Heberone ba re: “Kana re lesapo la gago le nama ya gago!


gonne re ditokololo tsa mmele wa gagwe, re ba nama ya gagwe, ba marapo a gagwe.


Jaanong e re ka bana ba na le madi le nama, le ene a nna natso fela jalo, gore a nyeletse ka loso ene yo o nang le thata ya loso, e bong Diabolo,


Giteone o ne a na le bomorwa ba le 70 ba ba tsetsweng ke ene, ka a ne a na le basadi ba bantsi.


Mme lona lo tsogetse lelapa la ga rre kajeno, lwa bolaya bomorwawe, banna ba le 70, mo lefikeng le le lengwe, lwa dira Abimelege morwa lelata la gagwe kgosi ya beng ba Šegeme, ka e le wa ga lona.


A ba a ya kwa kgotleng ya ga rraagwe kwa Ofera, a bolaya bomorwa-rraagwe, bana ba ga Jerubaale, banna ba le 70 mo lefikeng le le lengwe, mme ga falola Jothame morwa Jerubaale yo mmotlana, ka a ne a iphitlhile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan