Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 8:10 - Setswana 1970

10 Seba le Salemuna ba ne ba le kwa Karekore, ba na le mephato ya bone, e ka nna banna ba le 15 000; bone e le botlhe ba ba setseng ba mephato yotlhe ya ba kwa botlhabatsatsi. Gonne ba ba bolailweng e ne e le banna ba le 120 000 ba ba neng ba tshwere tšhaka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 ¶ Mi Sebe le Tsalemune ba le ba le kua Karekora, le entua tsa bona nabo, ekane e le ba faeveten thousanda, botle ba ba setseñ ba lintua cotle tsa bathu ba Iseta: gone go ole banona ba uan hundereda le tuente thousanda ba ba shomolañ caka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Jaana Seba le Salemuna ba bo ba le mo Karekore, ba na le dintwa tsa bone, e ka ne e le batho ba le 15 000, e le bone botlhe ba ba setseng ba lesomo lotlhe la bana ba botlhabatsatsi; gonne go ne go ole batho ba le 120 000, ba tlhomile ka ditšhaka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 8:10
17 Iomraidhean Croise  

Mme e rile kgosi ya Moabe e bona tlhabano e e palela, ya tsaya banna ba le 700 ba ba somolang tšhaka nayo, ya re e ya go sutlha fa kgosing ya Etomo, mme ba palelwa.


mme Abia le batlhabani ba gagwe ba ba bolaya ka polao e kgolo, ga bolawa Baiseraele ba le 500 000, e le banna ba ba tlhaotsweng.


ka Pheka morwa Remalea a ne a bolaya ba le 120 000 ba Juta ka letsatsi le le lengwe, botlhe bao e le bagale; gonne ba ne ba tlogetse Morena, Modimo wa borraabo.


Baiseraele ba isa ba le 200 000 ba ga bone mo botshwarong, e le basadi le bomorwa le bomorwadi; le gona ba thopa thopo e kgolo mo go bone, ba e isa kwa Samaria.


Ke fa moengele wa Morena a bolola, a itaya banna ba le dikete di le 185 mo bothibelelong jwa Baasiria. Ya re ba phakela ka moso, ba fitlhela botlhe bao e le ditoto fela.


Gonne ò robile joko e e neng e ba imela, le thupa e e neng e otla magetla a bone le thobane ya mopatiki wa bone jaaka mo letsatsing la Midiane.


Ya re ka letsatsi leo go balwa Babenyamene ba ba tswang kwa metseng, ya bo e le banna ba le 26 000 ba ba somolang tšhaka; baagi ba Gibea ba balwa ba le bosi, ya nna banna ba le 700 ba ba tlhaotsweng.


Le banna ba Iseraele ba balwa kwa ntle ga Babenyamene, e le banna ba le 400 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le batlhabani.


Ga ikemisa ditlhogo tsotlhe tsa morafe le ditso tsotlhe tsa Iseraele mo pitsong ya morafe wa Modimo e le banna ba le 400 000 ba dinao ba ba somolang tšhaka.


Babenyamene ba bolola, ba ba kgatlhantsha, ba tswa mo Gibea ka letsatsi la bobedi, ba bolaya banna ba le 18 000 ba Baiseraele gape, ba ba digela fa fatshe. Botlhe bao e le ba ba neng ba tshotse ditšhaka.


Morena o ne a itaya Babenyamene jalo ka Baiseraele. Baiseraele ba bolaya banna ba Benyamene ba le 25 100 ka letsatsi leo, botlhe bao e le ba ba somolang tšhaka.


Banna botlhe ba Benyamene ba ba bolailweng ka letsatsi leo ba ne ba le 25 000 ba ba somolang tšhaka, botlhe bao e le bagale.


Gonne ba ne ba tle ba tlhage ka diruiwa tsa bone le ka ditente tsa bone, ba tle jaaka segopa sa tsie, mo ba sa ka keng ba balwa le fa e le dikammele tsa bone; ba tle mo lefatsheng go le senya.


Mme Bamidiane le Baamaleke le botlhe ba kwa botlhabatsatsi ba bo ba robetse mo lebaleng jaaka segopa sa tsie; dikammele tsa bone e le tse di se nang palo, di le kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle.


Jaanong ya re Giteone a goroga, a fitlhela mongwe a bolelela yo mongwe toro a re: “Utlwa toro e ke e lorileng, ke bonye senkgwe se se besitsweng sa garase se kgokologela mo bothibelelong jwa Bamidiane, se fitlha kwa tenteng, se e itaya, ya wa, sa e pitikolola, ya kanama.”


Ya re ba ntse ba letsa dinaka tse di 300, Morena a bolaanya Bamidiane ka ditšhaka tsa bone mo bothibelelong jotlhe, mme ba bangwe ba tshabela kwa Betšhita ntlheng ya Sereta go ya go fitlha kwa losing lwa Abele-Megola gaufi le Tabathe.


Jaanong Giteone a bolola ka tsela ya baagi ba ditente, a potile metse ya Noba le Jogebeha mo ntlheng ya botlhabatsatsi, a fenya mephato eo, e sa ntse e itebetse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan