Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 8:1 - Setswana 1970

1 Ke fa banna ba Baeferaime ba mo sekisa ba re: “O ne o direlang jalo, fa o sa re bitse maloba fa o ya go tlhabana le Bamidiane?” Ba mo omanya thata jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI banona ba Eferaima ba mo raea, Eñ se u se re rihetseñ, ka u sa re bitsa, ka u lu ua bolola go tlabana le Bamidiana? Mi ba ganela nae thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Banna ba Eferaime ba mo raya ba re: “O ne o re direlang jaana, ka o se ka wa re bitsa, fa o ya go tlhabana le Midiane?” Ba galefalana nae thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 8:1
9 Iomraidhean Croise  

Jaanong ga tla banna botlhe ba Iseraele kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa ba ga etsho banna ba Juta ba go utswile, ba tshedisa kgosi Joretane le ba lapa la yona le banna botlhe ba yona.”


Ke fa banna botlhe ba Juta ba fetola banna ba Iseraele ba re: “Kana kgosi ke ya losika lwa rona. Mme ke eng, fa lo tuka bogale ka lebaka la selo se? A lo a re re jele tse di tswang kwa kgosing gongwe re filwe dineo?”


Kana lesilo le bolawa ke go ngala; seeleele se swa ka lefufa la sona.


Karabo e e bonolo e tima bogale, mme lefoko le le kgopisang le a galefisa.


Ka ba ka lemoga gore matsapa otlhe le botswerere jotlhe mo tirong di tswa mo lefufeng la motho yo o fufegelang mongwe-ka-ene. Ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro.”


E ne ya re fela fa Eferaime a bua, go nne letshogo; e ne e le yo mogolo mo Iseraeleng, mme a leofa ka Baale, a ba a swa.


Mme ene a ba fetola a re: “Ke dirile tiro efe e e kana ka ya lona? A ga ke re, maronopo a Baeferaime a gaisa phulo ya moweine ya Baabiesere?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan