Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:9 - Setswana 1970

9 Ya re bosigo Morena a mo raya a re: “Tsoga o fologele kwa mephatong eo, gonne ke e neetse mo diatleng tsa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 ¶ Mi ga rihala Yehova a mo raea ka sigo youo, Nanoga, mi u hologele kua botlaoleloñ: gone ki bo tsentse mo atleñ sa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ga dirala ya re bosigo joo Jehofa a mo raya a re: “Nanoga o fologele go tlhabana le ntwa; gonne ke ba neetse mo seatleng sa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:9
23 Iomraidhean Croise  

Ga go batlege gore lo tlhabane. Emang fela lo lebelele; lo tla bona pholoso e Morena o tla e lo direlang, lona ba Juta le Jerusalema. Lo se ka lwa boifa le e seng go tshoga. Bololang kamoso, lo ba kgatlhantshe, mme Morena o tla nna le lona.’ ”


E rile ke akanya dipono tsa bosigo, fa batho ba tshwerwe ke boroko jo bogolo,


Ya re a ntse a akanya jalo, moengele wa Morena a bonala fa go ene ka toro a re: “Josefa, morwa Dafita, se boife go tsaya Maria go nna mosadi wa gago; gonne boimana jwa gagwe bo tswa mo Moweng o o Boitshepo.


E rile ba sena go tloga, moengele wa Morena a bonala fa go Josefa ka toro, a mo raya a re: “Nanoga o tsee ngwana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o be o nne teng go tsamaya ke go itsise; gonne Herote o ikemiseditse go batla ngwana gore a mmolae.”


Gonne moengele wa Modimo o ke leng wa ona, o ke bileng ke o direla, o letse a eme fa go nna,


Le gona Morena a raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne ke ba neetse mo diatleng tsa gago. Ga go na ope mo go bone yo o tla emang fa pele ga gago.”


Mme Morena a raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne kamoso mo nakong e ke tla ba neela botlhe losong ba bolailwe ke Baiseraele. Dipitse tsa bone o tla di kgaola mesifa; dikoloi tsa ntwa tsa bone o tla di fisa ka molelo.”


Ba raya Jošua ba re: “Ruri, Morena o neetse lefatshe lotlhe mo diatleng tsa rona; le gona baagi botlhe ba lefatshe leo ba nyemile moko ba a re tshaba.”


Phinehase morwa Eleasare morwa Arone o ne a tshwere tirelo fa go lone ka sebaka seo.) Ba re: “A re tshwanetse go bolola gape go tlhabana le Babenyamene bomorwa-rraarona kampo re lese?” Morena a re: “Bololang, gonne kamoso ke tla ba neela mo diatleng tsa lona.”


Mowa wa Morena wa tsena mo go ene, a siamisa Baiseraele, a bolola go ya mo ntweng, mme Morena a neela Khušane-Rišathaime kgosi ya Mesopotamia mo diatleng tsa gagwe; letsogo la gagwe la fenya Khušane-Rišathaime.


Mme a ba raya a re: “Ntshaleng morago, gonne Morena o neetse Bamoabe, baba ba lona, mo diatleng tsa lona.” Ba fologa, ba mo sala morago, ba tseela Bamoabe matsibogo a Joretane, ba sa dumelele ope go tshela.


Mme fa o boifa go fologa, fologa le Phura motlhanka wa gago pele, o ye kwa mephatong eo,


Jaanong ba itseela mefago ya batho le dinaka tsa bone. Mme Giteone a busetsa banna botlhe ba Iseraele kwa magaeng a bone, a sala fela a na le banna ba le 300 bale. Mephato ya Bamidiane e ne e le kwa tlase ga gagwe mo lebaleng.


Jonathane a ba a re: “Bona, re tla kgabaganyetsa kwa banneng bale, re ba ipontsha.


Dafita a ba a botsa Morena gape. Morena a mo araba a re: “Nanoga o fologele kwa Kehila; gonne ke tla neela Bafelesita mo diatleng tsa gago.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan