Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:8 - Setswana 1970

8 Jaanong ba itseela mefago ya batho le dinaka tsa bone. Mme Giteone a busetsa banna botlhe ba Iseraele kwa magaeng a bone, a sala fela a na le banna ba le 300 bale. Mephato ya Bamidiane e ne e le kwa tlase ga gagwe mo lebaleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi bathu ba tsaea mehago mo atleñ tsa bona, le literompeta tsa bona: mi ba ba setseñ ba Bayeserela botle a ba naea tsela, moñue le moñue go ea kua tenteñ ea gague, mi a sala le banona ba, ba teri hundereda: mi botlaolelo yoa Bamidiana bo le bo le kua tlatse ga gague mo mogorogoroñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Jalo batho ba tsaya mefago le dinaka; mme a raya batho botlhe ba Iseraele a re ba tsamaye mongwe le mongwe a ye mogopeng wa gagwe, mme a sala le banna ba ba 300; botlhaolelo jwa Bamidiane bo ne bo le fa tlase ga gagwe mo molapong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:8
11 Iomraidhean Croise  

E tla re ka sebaka seo ba letsa lonaka lo logolo, ba ba latlhegetseng kwa lefatsheng la Asiria le ba ba leleketsweng kwa lefatsheng la Egepeto, ba boele kwa gae, ba obamele Morena mo thabeng e e boitshepo mo Jerusalema.


“Bua le Baiseraele o re: ‘Letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa e nne le legolo la boikhutso mo go lona la modumo wa dinaka o o kgothatsang, la go kgobokanela kwa Felong-ga-Boitshepo.


E be gona o utlwatsang lonaka lwa mokgosi o mogolo ka kgwedi ya bosupa e le some; ka lone letsatsi la thuanyo lo utlwatse lonaka mo lefatsheng lotlhe la lona.


Mme e re fa lo tsena mo ntweng lo le mo lefatsheng la lona go tlhabana le mmaba yo o lo pitlaganyang, lo letse diphala thata; foo lo tla gopolwa fa pele ga Morena, Modimo wa lona, mme lo tla namolelwa mo babeng ba lona.


ka nakonyana, ka ponyo ya leitlho, ka lonaka lwa bofelo; gonne lo tla kgelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa feleng, mme rona re tla fetolwa.


Ke fa batho ba thela lešalaba, ba letsa dinaka; ya re batho ba utlwa lonaka lo lela, batho ba thela lešalaba le legolo; ke fa lobota lo wela fa lo leng teng, mme batho ba tlolela mo motseng mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae. Ba thopa motse jalo.


Gape a baperesiti ba supa ba etele Letlole pele ba tshotse dinaka tse supa tsa diphelehu, mme ka letsatsi la bosupa lo dikologe motse o gasupa, mme baperesiti ba letse dinaka.


Ya re a sena go fitlha, a letsa lonaka mo dithabeng tsa Eferaime. Ke fa Baiseraele ba fologa nae mo dithabeng, ene a ba eteletse pele.


Jaanong Bamidiane botlhe le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi ba phuthega mmogo, ba tshela noka, ba thibelela mo lebaleng la Iserele.


Ke fa Morena a raya Giteone a re: “Ke tla lo golola ka banna ba le 300 ba, ba ba noleng ka go kapetsa, ke neela Bamidiane mo diatleng tsa gago. Mme a batho botlhe ba bangwe ba boele kwa magaeng a bone.”


Ya re bosigo Morena a mo raya a re: “Tsoga o fologele kwa mephatong eo, gonne ke e neetse mo diatleng tsa gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan