Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:7 - Setswana 1970

7 Ke fa Morena a raya Giteone a re: “Ke tla lo golola ka banna ba le 300 ba, ba ba noleng ka go kapetsa, ke neela Bamidiane mo diatleng tsa gago. Mme a batho botlhe ba bangwe ba boele kwa magaeng a bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi Yehova a raea Gideone, Ki tla lo golola, ki tsenya Bamidiana mo atleñ tsa gago ka banona ba, ba teri hundereda ba ba le ba kapetsa: mi a ba bañue botle ba ee, moñue le moñue kua heloñ ga gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Jehofa a raya Giteone a re: “Ke tlaa lo golola ka banna ba ba 300 ba ba ne ba kapetsa, ke neela Bamidiane mo seatleng sa gago; a batho botlhe ba tsamaye, mongwe le mongwe a ye ga gagwe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:7
6 Iomraidhean Croise  

Palo ya ba ba neng ba a kapetsa, ba a isa ka diatla kwa melomong, e ne e le banna ba le 300; batho botlhe ba bangwe ba ne ba khubame ka mangole go nwa metsi ba tomame.


Jaanong ba itseela mefago ya batho le dinaka tsa bone. Mme Giteone a busetsa banna botlhe ba Iseraele kwa magaeng a bone, a sala fela a na le banna ba le 300 bale. Mephato ya Bamidiane e ne e le kwa tlase ga gagwe mo lebaleng.


Jaanong Jonathane a raya motlhanka yo o rweleng dibolai tsa gagwe a re: “Tlaya, re kgabaganyetse kwa batlhoding ba ba sa rupang bale. Ka gongwe Morena o tla re thusa; gonne ga go na se se ka thibelang Morena go pholosa ka bontsi gongwe ka bobotlana.”


Dafita a ba a botsa Morena gape. Morena a mo araba a re: “Nanoga o fologele kwa Kehila; gonne ke tla neela Bafelesita mo diatleng tsa gago.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan