Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:21 - Setswana 1970

21 Ba ne ba ntse ba eme mongwe le mongwe fa a emeng teng mo tikologong ya bothibelelo, mme mephato yotlhe ya sia, ya goa ya tshaba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi ba ema, moñue le moñue mo heloñ ga gague tikologoñ ea botlaolelo: mi entua eotle ea taboga, ea goa ea tsaba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Ba ema, monna mongwe le mongwe mo boemong jwa gagwe mo tikologong ya bothibelelo; ntwa yotlhe ya sia, mme ba thela lešalaba ba ba tshabisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:21
12 Iomraidhean Croise  

mongwe le mongwe a bolaya yo a mo tshwarang, Basiria ba tshaba, mme Baiseraele ba ba khutšhela. Benehatate, kgosi ya Siria yona ya falola e palame pitse e na le bapalami ba bangwe.


a re: “Reetsang, lona Bajuta lotlhe le lona baagi ba Jerusalema le wena kgosi Josafate! Morena o lo raya jaana a re: ‘Se boifeng, lo se tshoge bontsi jo bogolo jo! Gonne tlhabano ga se ya lona, ke ya Morena.


Ga go batlege gore lo tlhabane. Emang fela lo lebelele; lo tla bona pholoso e Morena o tla e lo direlang, lona ba Juta le Jerusalema. Lo se ka lwa boifa le e seng go tshoga. Bololang kamoso, lo ba kgatlhantshe, mme Morena o tla nna le lona.’ ”


A somola maotwana a dikoloi tsa ntwa tsa bone, a di tsamaisa ka bothata. Ke fa Baegepeto ba re: “A re tshabeng Baiseraele; gonne Morena o a ba tlhabanela, o tlhabana le rona Baegepeto.”


Baikepi ba a tshaba, le fa go se na ope yo o ba lateletseng, mme basiami ba pelokgale jaaka tawana.


Gonne Morena Modimo, Moitshepi wa Iseraele, o buile jaana a re: “Fa lo ka tlhabologa le go iketla, lo tla pholosiwa; fa lo ka didimala le go ikanya, lo tla nna thata.” Mme lo ganne,


Thuso ya Egepeto ga se ya sepe, ke ya lefelafela. Ke ka moo ke mmiditseng: ‘Sebata se se itulelang fela.’


ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka, ba thatafala mo bokoeng, ba nna bogale mo tlhabanong, ba fenya mephato ya merafe e sele.


Jaanong ba ditlhopha tse tharo ba letsa dinaka, ba thuba dinkgwana, ba tshwara dirumola ka diatla tsa molema le dinaka ka diatla tse di jang, ba di letsa, ba kua ba re: “Tšhaka ya Morena le ya ga Giteone!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan