Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:2 - Setswana 1970

2 Mme Morena a raya Giteone a re: “Batho ba ba nang nao ba bantsi. Ke palelwa ke go neela Bamidiane mo diatleng tsa bone, e se re gongwe Baiseraele ba inkgantshetsa ba re: ‘Go ikgolotse rona ka rosi.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi Yehova a raea Gideone, Bathu ba u nañ nabo, bantisi go ’na, ha ’nka tsenya Bamidiana mo atleñ tsa bona, gore Bayeserela ba si ipelahatse ha go ’na ba re, Atla tsa rona li re golotse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Jehofa a raya Giteone a re: “Batho ba o nang nabo ba bantsi bobe; ga nkake ka tsenya Bamidiane mo seatleng sa bone, ka Baiseraele ba ka tla ba ipelefatsa fa pele ga me, ba re: ‘Seatla sa bone tota se ba bolokile.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:2
25 Iomraidhean Croise  

Mme Modimo wa bua le Iseraele ka pono ya bosigo wa re: “Jakobe, Jakobe!” A araba a re: “Ke fano!”


Mme Asa a rapela Morena Modimo wa gagwe a re: “Morena, ga go na ope kwa ntle ga gago yo o ka thusang, fa go tlhabana yo o thata le yo o bokoa. Re thuse, Morena Modimo wa rona, gonne re ikaega ka wena, mme re tsile go tlhabana le bontsi jo ka leina la gago. Morena, o Modimo wa rona. A motho a se ka a kgona sepe fa pele ga gago!”


Gonne o ne a re: “Ke dirile jalo ka thata ya letsogo la me le ka botlhale jwa me, gonne ke tlhalefile; ke tlositse melelwane ya merafe, ka thopa dithoto tsa bone, ka folosa ba ba ntseng mo ditulong tsa bogosi, ka ke le senatla.


Matlho a a ikgodisang a motho a tla kokobediwa; bogolo jwa banna bo tla obiwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo.


Boikgodiso jwa motho bo tla obiwa, boikgogomoso jwa banna bo tla kokobediwa. Morena o tla bo a le mogolo a le esi fela ka letsatsi leo.


Morena o buile jaana a re: “A Motlhalefi a se ka a ipelafatsa ka botlhale jwa gagwe! A seganka se se ka sa ipoka ka thata ya sona! A mohumi a se ka a ikgodisa ka khumo ya gagwe!


Pelo ya gago e ne e ikgantsha ka bontle jwa gago. Ò ne o senya botlhale jwa gago ka ntlha ya kgalalelo ya gago. Ka go digela fa fatshe, ka go baya fa pele ga dikgosi gore di itumelele tatlhego ya gago.


“Morwa-motho, raya kgosi ya Tiro o re: ‘Morena Modimo o bua jaana wa re: O a ikgantsha mo pelong ò a re, ò modimo, ò ntse mo sedulong sa medimo mo gare ga lewatle. Ga go a nna jalo, ò motho fela, ga ò modimo, le fa ò ikaya modimo.


ya bua ya re: “A se ga se ona motse o mogolo wa Babele o ke o agileng ka thata e kgolo ya me go nna mošate, e le go galaletsa borena jwa me?”


Ka ntlha ya moo o tlhabela letloa la gagwe ditlhabelo, o fisetsa sethaiso sa gagwe maswalo; gonne kabelo ya gagwe e mafura ka tsona, dijo tsa gagwe di letlotlo.


Mme Morena o tla thusa maobo a Juta pele, e se re gongwe tumiso ya ba ntlo ya ga Dafita le tumiso ya baagi ba Jerusalema ya gaisa ya Juta.


Ke fa a araba, a nthaya a re: “Lefoko le ke la Morena le le rayang Serubabele le re: ‘Ga se ka bonatla le e seng ka thata, mme ke ka Mowa wa me,’ go bua Morena wa masomosomo.


Ntshang banna ba le kete mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele, lo ba romele kwa ntweng.”


foo o se ka wa belafalela dikala. Fa o ka belafala, itse gore kana ga se wena yo o rweleng modi, mme modi o rwele wena.


Mme jaanong ipelafatso e kae? E latlhetswe kwa ntle. E le ka molao ofe? A ke wa ditiro? Nnyaya, ke ka molao wa tumelo.


Mme khumo eo re e tshotse ka dinkgwana tsa letsopa, gore thata e kgolo bogolo e nne ya Modimo, e seng e e tswang mo go rona.


Ga se ka ditiro, gore go se nne ope yo o ipokang.


fa nka bo ke sa boifa go nkgakatsa ga mmaba, e se re gongwe bagateledi ba bone ba fosa ba re: Diatla tsa rona di ne di le thata; ga se Morena yo o dirileng tsotlhe tse.’


Go seng jalo o ne o tla bua mo pelong ya gago o re: ‘Thata ya me le nonofo ya seatla sa me ke tsona tse di ntiretseng khumo eo.’


Mme o gopole Morena, Modimo wa gago; gonne ke ene yo o go nayang thata go ka bona khumo gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e e ikanetseng borraeno jaaka go dirafetse kajeno.


Mme o naya boitshwarelo jo bogolo bogolo; ke ka moo o buang o re: “Modimo o ganetsa baikgodisi, mme baikokobetsi o ba naya bopelotlhomogi.”


Jaanong Jonathane a raya motlhanka yo o rweleng dibolai tsa gagwe a re: “Tlaya, re kgabaganyetse kwa batlhoding ba ba sa rupang bale. Ka gongwe Morena o tla re thusa; gonne ga go na se se ka thibelang Morena go pholosa ka bontsi gongwe ka bobotlana.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan