Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:11 - Setswana 1970

11 o utlwelele se ba se buang teng. Morago ga moo o tla bo o tiile moko go ka fologela teng le go tlhasela mephato eo.” A fologa a na le Phura motlhanka wa gagwe, a fitlha kwa batlhabaning ba ba tlhometseng fa bokhutlong jwa bothibelelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi u tla utlua se ba se buañ; mi morago ga mouo atla tsa gago li tla thataharioa go hologela kua botlaoleloñ. Ereha gona o hologelañ le Pure motlañka oa gague kua eintle ga ba ba tlometseñ ba botlaolelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 o tlaa utlwa se ba se buang; morago ga moo mabogo a gago a tlaa nonofela go fologela go tlhabana le ntwa.” Foo a fologa a na le Pura motlhanka wa gagwe, ba ya ka kwa ntlheng ya lonaka lwa banna ba ba tlhometseng ba ntwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:11
15 Iomraidhean Croise  

Jaanong a mosetsana yo ke tla mo rayang ke re: ‘A ko o sikarolole nkgo ya gago gore ke nwe;’ mme a nkaraba a re: ‘Nwaa, le dikammele tsa gago ke tla di nosa,’ a e nne ene yo ò mo laoletseng Isaka motlhanka wa gago. Mme a ke itse ka moo, fa o diretse morena wa me ka bopelotlhomogi.”


Ba be ba dira Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo; gonne Morena o ne a ba itumedisitse, a sokololetse pelo ya kgosi ya Asiria kwa go bone go tiisa mabogo a bone mo tirong ya Ntlo ya Modimo, Modimo wa Iseraele.


Kana bone botlhe ba ne ba rata go re boifisa ba re, mabogo a rona a tla repa, re tlogela tiro gore e se ka ya fediwa. “Mme jaanong Modimo, tiisa mabogo a me!”


Ke ka moo Modimo o neng wa faposetsa morafe tseleng e e yang kwa sekakeng kwa Lewatleng la Motlhaka. Baiseraele ba bolotse mo lefatsheng la Egepeto ba ipaakanyeditse tlhabano.


ke rapela gore a lo nee nonofo ya go tia mo mothong yo o kwa teng ka Mowa wa gagwe ka fa khumong ya kgalalelo ya gagwe,


Bakaulengwe ba me, ke fetsa ka go re: Thatafalang mo Moreneng le mo thateng ya bonatla jwa gagwe.


Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete.


Mme fa o boifa go fologa, fologa le Phura motlhanka wa gago pele, o ye kwa mephatong eo,


Mme banna ba batlhodi ba bitsa Jonathane le motshola-dibolai wa gagwe ba re: “Tlhatlogelang kwano, re tle go lo tlhalefisa!” Ke fa Jonathane a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Tlhatloga o ntshale morago, gonne Morena o ba neetse mo diatleng tsa Baiseraele.”


Jonathane morwa Saule a nanoga, a ya kwa go Dafita kwa sekgweng, a mo nametsa pelo ka Modimo.


Jaanong Dafita a botsa Ahimelege wa Mohethe le Abisai morwa Seruya morwa-rraagwe Joabe a re: “Ke mang yo o tla fologelang le nna kwa go Saule kwa bothibelelong?” Abisai a re: “Ke tla fologa nao.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan