Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 7:1 - Setswana 1970

1 Jaanong Jerubaale, e bong Giteone, a phakela le batho botlhe ba ba nang nae, ba thibelela fa motsweding wa Harote, mme bothibelelo jwa Bamidiane bo ne bo le mo ntlheng ya bokone ya gagwe mo lebaleng go tloga fa thoteng ya More.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 EREHA gona Yerubaale, eo e leñ Gideone, le bathu botle ba ba le ba na nae ba phakelañ, ba tlaolela ha mocoeriñ oa Haroda: mi entua ea Bamidiana e le le ha eintleñ ea bona ea Noreta, ha thabaneñ ea More, mo mogorogoroñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Foo Jerubaale, yo o e leng ene Giteone, le botlhe ba o nang nabo, ba phakela ba ya ba thibelela fa motsweding wa Harote; mme ntwa ya Bamidiane e ne e ba potile ntlheng ya botsheka fa thoteng ya More, mo molapong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 7:1
14 Iomraidhean Croise  

Aborame a ralala lefatshe leo go fitlha kwa felong ga Šegeme le kwa setlhareng sa motherebinthe sa boitseanape. Mo metlheng eo ga bo go le Bakanana mo lefatsheng leo.


Ke fa Aborahame a phakela ka moso, a belesa esele ya gagwe, a tsaya batlhanka ba le babedi ba gagwe, le Isaka morwawe, ba ya nae; a fatsa dikgong tsa setlhabelo sa phiso; a tloga a ya kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng.


le Sama wa Harote le Eleka wa Harote


Baasiria le bona ba ikopantse nabo, ba thusa boora Lote. Sela.


Tsotlhe tse seatla sa gago se di fitlhelang go ka di dira di dire ka thata ya gago. Gonne tiro le kakanyo le kitso le botlhale ga di yo kwa felong ga baswi kwa o yang teng.


Kana dithaba tseo di kwa moseja ga Joretane, ntlheng ya bophirimatsatsi ya tsela mo lefatsheng la Bakanana ba ba agileng mo lebaleng la Joretane le le lebaganyeng le Gilegala, fa go bapileng le setlhare sa boitseanape.


Ya re ka moso Jošua a phakela, ene le Baiseraele botlhe, ba tloga kwa Sitime ba fitlha fa Joretane, ba lala gona ba ise ba tshele.


Jošua a ba a phakela mo mosong; baperesiti ba sikara Letlole la Morena;


Ke ka moo Giteone o biditsweng Jerubaale ka letsatsi leo. Jerubaale ke go re: “A Baale a lwe nae!” Ka gonne o ne a digile aletare ya gagwe.


Jaanong Bamidiane botlhe le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi ba phuthega mmogo, ba tshela noka, ba thibelela mo lebaleng la Iserele.


Modimo wa dira jalo bosigo joo. Letlalo la lala le omile le le losi fela, mme lefatshe lotlhe le wetswe ke monyo.


Morago ga ntwa Jerubaale, e bong Giteone morwa Joase a ya a nna mo ntlong ya gagwe.


Mme Morena a roma Jerubaale le Barake le Ifetha le Samuele, a lo golola mo diatleng tsa baba ba lona tikologong, lwa ba lwa aga lo iketlile.


Bafelesita ba ne ba phuthela mephato yotlhe ya bone kwa Afeke; Baiseraele bone ba bo ba thibeletse fa motsweding o o kwa Iserele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan