Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 6:8 - Setswana 1970

8 Morena a roma monna wa moporofeti kwa Baiseraeleng; ene a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo ntsha mo ntlong ya botlhanka,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Yehova a romela bana ba Yeserele moperofeti, eo o ba raeañ, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bayeserela, ki le ka lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto, ka lo coisa mo tluñ ea botlañka;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Jehofa a roma moperofeti kwa baneng ba Iseraele; a ba raya a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: Ke lo ntshitse mo Egepeto, ka lo ntsha mo ntlong ya botlhanka;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 6:8
12 Iomraidhean Croise  

Mme Morena o ne a tlhagisa Baiseraele le Bajuta ka baporofeti botlhe le ka baboni botlhe a re: “Boang lo tlogele ditsela tsa lona tse di bosula, lo tshegetse ditaolo tsa me le melao ya me ka fa molaong otlhe o ke o laetseng borraeno o ke o rometseng kwa go lona ka baporofeti, batlhanka ba me.”


Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhokomela mo pitlaganong ya bona, ka a utlwa dilelo tsa bona.


Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng.


Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng ka ntlha ya Bamidiane,


ka lo namolela mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa bagateledi botlhe ba lona, ka ba leleka fa pele ga lona, ka lo naya lefatshe la bone.


a raya Baiseraele a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke nna ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto, ka lo golola mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa magosi aotlhe a a neng a lo pitlaganya.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan