Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 6:4 - Setswana 1970

4 ba ba dikanyetse ka ntwa, ba senye kotulo ya lefatshe go ya go fitlha kwa Gasa; ba se ke ba tlogelele Baiseraele dijo dipe, le e seng nku kampo kgomo gongwe esele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi ba ba tlaolelela, ba senya totahalo ea ombu, le kua Gasa, mi ba si ka ba lesetsa Bayeserela se se tserisañ, le esiñ sehutsane, le esiñ khomu, khotsa esela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Ba ba thibelelele, ba senye totafalo ya lefatshe go ya go fitlha kwa Gasa, mme ba se ke ba tlogela botshelo bope mo Iseraele, le fa e le nku, le fa e le kgomo, le fa e le esela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 6:4
12 Iomraidhean Croise  

Naga ya Bakanana e ne e simologa kwa Sitone go ya go fitlha kwa Gerara le go ya kwa Gasa le go ya kwa Sotoma le Gomora le Atema le Seboime go fitlha kwa Leša.


Ke fa Lote a tsholetsa matlho a bona lebala lotlhe la Joretane e le naga e e nang le metsi yotlhe, e tshwana le tshimo ya Morena le lefatshe la Egepeto go fitlha kwa Soare, Morena a ise a senye Sotoma le Gomora.


Monna yo e leng tlhogo, yo o gatelelang ba babotlana, o tshwana le pula e e gogolang fela e e sa tsiseng dijo.


Ba tla ja kotulo ya gago le dijo tsa gago, ba fedisa bomorwao le bomorwadio, ba ja dinku tsa gago le dikgomo tsa gago, ba ja moweine wa gago le difeie tsa gago; metse e e femetsweng e o e ikanyang ba tla e thuba ka tšhaka.


gona le nna ke tla lo direla tse di ntseng jalo: Ke tla lo dirafaletsa tse di boitshegang, e bong bolwetse jwa sehuba le jwa mogote, tse di lo fifatsang matlho, tse di lo feleletsang. Peo ya lona lo tla e jwalela lefela, e tla jewa ke baba ba lona.


“Fa magodu a tla kwa go wena, le fa e le dinokwane bosigo – kana o nyalediwa jang! – ga ke re, ba tla utswa ka fa go ba lekanyeng ka teng? Fa bafudi ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ke re, ba tla tlogela maronopo?


Wena ò tla jwala, mme ò sa robe; ò gata maungo a olefa segatelong, mme ò sa tlole lookwane; ò tlhotlha maungo a moweine, mme ò sa nwe weine.


Maungo a masimo a gago le a matsapa otlhe a gago a tla jewa ke morafe o ò sa o itseng. O tla nna o gatelelwa fela, o patikwa ka metlha yotlhe.


Se tla ja letsalo la diruiwa tsa gago le maungo a masimo a gago go ya o be o nyelediwe. Ga se kitla se go sadisetsa mabele le matute a moweine le lookwane le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago go ya se be se go fedise.


E ne ya re fa Baiseraele ba sena go jwala, go tlhage Bamidiane le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi, ba ba tlhasele,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan