Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 6:3 - Setswana 1970

3 E ne ya re fa Baiseraele ba sena go jwala, go tlhage Bamidiane le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi, ba ba tlhasele,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi ga rihala ka Bayeserela ba yala, Bamidiana ba tla, le Baamaleka, le bathu ba Iseta, le bona ba ba bololela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ga nna jalo, e ne e tle e re Baiseraele ba sena go jala, Bamidiane ba tle, le Baamaleke, le bana ba botlhabatsatsi, ba tle go ba tlhasela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 6:3
25 Iomraidhean Croise  

Fa e le bomorwa bagadingwana ba Aborahame o neng a na nabo, a ba abela dineo, a ba kgaoganya le Isaka morwawe, Aborahame a sa ntse a phela gore ba ye kwa botlhabatsatsi kwa lefatsheng le le ntlheng ya botlhabatsatsi.


Jakobe a wela tseleng, a ya kwa lefatsheng la ba botlhabatsatsi.


Ya re Baiseraele ba sena go balwa le go fiwa mefago, ba ya go ba kgatlhantsha. Baiseraele ba thibelela fa pele ga bone, ba tshwana le matsomanenyana a mabedi a dipodi, mme Basiria ba saila mo nageng.


Botlhale jwa ga Salomo bo ne bo gaisa botlhale jwa batho botlhe ba kwa botlhabatsatsi le botlhale jotlhe jwa Egepeto.


Hirame a naya Salomo dikgong tsa mesetere le tsa mesiperese fela jaaka a kopile.


O ne a ruile difutshane di le 7 000 le dikammele di le 3 000 le dipholo tse di gogang di le 1 000 le diesele tse dinamagadi di le 500; le batlhanka ba bantsintsi. Monna yoo o ne a le mogolo go feta botlhe ba ba agileng ntlheng ya botlhabatsatsi.


foo a ke jwale, mme go je yo mongwe; tse di ntlhogelang mo tshimong a di kumowe!


E rile ba le kwa Rafidime, Baamaleke ba tla, ba tlhabana le Baiseraele.


Ba tla fefogela kwa ntlheng ya bophirimatsatsi mo magetleng a Bafelesita; ba tla thukhutha bana ba botlhabatsatsi mmogo. Etomo le Moabe e tla nna thopo ya diatla tsa bone. Baamone ba tla laolwa ke bone.


Morena o ikanne ka letsogo le le jang, ka letsogo le le thata, a re: “Ga nkitla ke tlhola ke neela baba ba gago mabele a gago go nna dijo tsa bone; baeng ga ba nke ba nwa matute a moweine a gago a o a itapiseditseng.


Ka ga Ketare le magosi a Hasore a a neng a fenngwa ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele. Morena o bua jaana a re: “Bololang, lo tlhasele Ketare, lo gatelele ba ba kwa botlhabatsatsi.


O ree Baamone ò re: ‘Utlwang Lefoko la Morena Modimo! Morena Modimo o bua jaana o a re: E re ka lo kuile lwa re: Ahee! ka ga Felo-fa-go-Boitshepo ga me fa go itshepololwa, le ka ga lefatshe la Iseraele fa le fetolwa sekaka, le ka ga Bajuta fa ba ya mo botshwarong:


Ka moo, bonang, ke tla lo neela ba botlhabatsatsi gore ba lo rue, ba tlhome mathibelelo a bone mo go lona, ba age meago ya bone mo go lona; bone ba tla ja maungo a lona, ba nwa mašwi a lona.


gona le nna ke tla lo direla tse di ntseng jalo: Ke tla lo dirafaletsa tse di boitshegang, e bong bolwetse jwa sehuba le jwa mogote, tse di lo fifatsang matlho, tse di lo feleletsang. Peo ya lona lo tla e jwalela lefela, e tla jewa ke baba ba lona.


Wena ò tla jwala, mme ò sa robe; ò gata maungo a olefa segatelong, mme ò sa tlole lookwane; ò tlhotlha maungo a moweine, mme ò sa nwe weine.


Se tla ja letsalo la diruiwa tsa gago le maungo a masimo a gago go ya o be o nyelediwe. Ga se kitla se go sadisetsa mabele le matute a moweine le lookwane le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago go ya se be se go fedise.


Mme ya re Basitone le Baamaleke le Bamaone ba lo pitlaganya, lwa lelela go nna, mme ka lo pholosa mo diatleng tsa bone.


A ba a iphuthela Baamone le Baamaleke, a ya go itaya Baiseraele, a thopa Motse wa Mekolane.


Jaanong e rile mabogo a Bamidiane a gatelela Baiseraele, Baiseraele ba ipaakanyetsa manno mo dikgophung tse di mo dithabeng le mo dikgageng le dikago tsa phemelo mo dithabeng ka ntlha ya go tshaba Bamidiane.


Jaanong Bamidiane botlhe le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi ba phuthega mmogo, ba tshela noka, ba thibelela mo lebaleng la Iserele.


ba ba dikanyetse ka ntwa, ba senye kotulo ya lefatshe go ya go fitlha kwa Gasa; ba se ke ba tlogelele Baiseraele dijo dipe, le e seng nku kampo kgomo gongwe esele.


Mme Bamidiane le Baamaleke le botlhe ba kwa botlhabatsatsi ba bo ba robetse mo lebaleng jaaka segopa sa tsie; dikammele tsa bone e le tse di se nang palo, di le kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle.


Seba le Salemuna ba ne ba le kwa Karekore, ba na le mephato ya bone, e ka nna banna ba le 15 000; bone e le botlhe ba ba setseng ba mephato yotlhe ya ba kwa botlhabatsatsi. Gonne ba ba bolailweng e ne e le banna ba le 120 000 ba ba neng ba tshwere tšhaka.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan