Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 6:10 - Setswana 1970

10 Ka lo raya ka re, ke nna Morena, Modimo wa lona. Se boifeng medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone. Mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi ka lo raea, Ki Yehova Morimo oa lona; si boiheñ merimo ea Baamora, ba hatsi ya bona lo nntseñ go yeona: mi ga loa akela koru ea me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ka lo raya ka re: ‘Ke nna Jehofa Modimo wa lona; lo se ka lwa boifa medimo ya Baamore, ba lo agileng mo lefatsheng la bone;’ mme ga lo a reetsa lentswe la me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 6:10
23 Iomraidhean Croise  

Morena o buile jaana a re: “Se itlwaetseng mokgwa wa baheitane; se tshogeng ditshupo tsa legodimo, le fa baheitane ba di tshoga!


Morena a ba a re: “E re ka ba tlogetse molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone; ba se ka ba utlwa lentswe la me, le e seng go sepela ka lone;


ba hudugela kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba ganne go utlwa lentswe la Morena; ba fitlha kwa Thagephanese.


Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani le batho botlhe ba ne ba gana jalo go utlwa lentswe la Morena le le reng, ba nne mo lefatsheng la Juta.


Kajeno ke di lo begetse, mme ga lo a utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona, le e seng sepe sa tse o nthomileng kwa go lona ka tsona.


A re itelegeng mo ditlhonnye tsa rona! A nyatsego ya rona e re khurumetse! Gonne re leofetse Morena, Modimo wa rona, rona le borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona go fitlha letsatsing la kajeno, mme ra se ka ra utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona.”


Fela o ipone molato, fa o ikepile mo Moreneng, Modimo wa gago, wa ineela medimo e sele thata fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me,” go bua Morena.


Ka re: ‘Lona lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le, mme lo dige dialetare tsa bone,’ mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me. Ke eng se lo se dirileng?


Mme e rile a sena go fitlha maemong a a tletseng, a nna mosimolodi wa pholoso e e sa khutleng wa botlhe ba ba mo utlwang,


Fela Efangele ga ba a ka ba e utlwisisa botlhe; gonne Jesaya a re: “Morena, ke mang yo o dumetseng thero e re e utlwileng?”


Ga o utlwe lentswe la ope, ga o amogele kgalemelo, ga o ikanye Morena, ga o atamele Modimo wa ona.


fa ke sa utlwe mantswe a baruti ba me fa ke sa sekegele ba ba nthutang tsebe!


Ba ne ba boifa Morena, ba bile ba direla medimo ya ga bone ka fa mokgweng wa ditšhaba tse ba neng ba hudusitswe mo go tsona.


Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.”


ka lo namolela mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa bagateledi botlhe ba lona, ka ba leleka fa pele ga lona, ka lo naya lefatshe la bone.


Ga dirafala jalo, gonne Baiseraele ba ne ba leofetse Morena, Modimo wa bone, o o neng o ba ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto mo taolong ya ga Farao kgosi ya Egepeto, mme ba boifa medimo e sele.


Itiseng gore lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le lo tla tsenang mo go lone, e se re gongwe ba lo fetogela seru ba le mo gare ga lona.


“Gonne ga lo a tshwanela go obamela modimo o sele. Gonne Morena yo leina la gagwe e leng Mofufegedi ke Modimo o o lefufa.


Mme Morena o ne a tlhagisa Baiseraele le Bajuta ka baporofeti botlhe le ka baboni botlhe a re: “Boang lo tlogele ditsela tsa lona tse di bosula, lo tshegetse ditaolo tsa me le melao ya me ka fa molaong otlhe o ke o laetseng borraeno o ke o rometseng kwa go lona ka baporofeti, batlhanka ba me.”


O ne o ba kgothatsa go ba busetsa kwa molaong wa gago, mme ba ikgogomosa ba se ka ba utlwa ditaolo tsa gago, mme ba leofela ditshiamelo tsa gago tse motho a ka phelang ka tsona, fa a di dira; ba go hularela ka borukhutlhi, ba gagamatsa dithamo, ba se ka ba utlwa.


Mme ga ba a ka ba utlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba gagamatsa melala ya bone gore ba se ka ba utlwa, le e seng go amogela kgalemelo.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan