Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 5:8 - Setswana 1970

8 E rile ba ineela medimo e mešwa, ga nna tlhabano mo dikgorong; thebe le lerumo tsa bo di sa bonale mo diketeng tse di 40 tsa Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Ba le ba itseñkela merimo e mesha; hoñ tlabano e le le mo khoroñ tsa bona: a gole ga bonoa thebe khotsa lerumo mo go ba forte thousanda ba Bayeserela?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ba ne ba itshenkela medimo e meša; foo go ne go le ntwa mo dikgorong; a go no go ka bonwa thebe, kgotsa lerumo, mo bathong ba le dikete di le masome a le mane mo Iseraele?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 5:8
8 Iomraidhean Croise  

Ke ka gonne ba ntlogetse, ba tsenya boheitane mo felong fano, ba fisetsa medimo e sele maswalo gona, e ba neng ba sa e itse, le fa e le borraabo gongwe dikgosi tsa Juta; ba tlatsa felo fano madi a ba ba se nang molato;


ba tlogela Morena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsa Morena ka go dira jalo.


Fela le baatlhodi ba bone Baiseraele ba se ka ba ba utlwa; gonne ba ne ba dira boaka ka go latela medimo e sele, ba e obamela. Ba fapoga ka pele mo tseleng e borraabo ba neng ba sepetse mo go yona ka go utlwa ditaolo tsa Morena. Bone ba se ka ba dira jalo.


Mme Baiseraele ba lelela Moreneng; gonne Jabine o ne a na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi di le 900, a gatelela Baiseraele ka thata dinyaga di le 20.


Ka ntlha ya mantswe a ba ba binang mo gare ga digopo, ba boka teng ditiro tse di siameng tsa Morena, ditiro tsa pholoso tsa puso ya gagwe mo Iseraeleng. Ke fa morafe wa Morena o fologela kwa dikgorong.


Go ne go tlhokafala babusi mo Iseraeleng, ba tlhokafala ga tsamaya ka tsoga, nna Debora, ka tsoga ke le Mma-Iseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan