Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 5:6 - Setswana 1970

6 Mo malatsing a ga Samegare morwa Anathe, mo malatsing a ga Jaele ditsela di ne di le senya; baeti ba tsamaya mo ditselaneng tse di kwa thoko tse di metsopodia.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Tsela tsa meheru tsa khutla; mi batsamai ba ea ka tsela tse ri shokameñ mo malatsiñ a ga Shamegare moroa Anate, le mo malatsiñ a ga Yaele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 E rile mo metlheng ya ga Shamegare morwa Anathe, ya re mo metlheng ya ga Jaele, ditsela tse dikgolo di ne di sa tsamaiwe, baeti ba tsamaya ka ditselana tse di kwa thoko fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 5:6
11 Iomraidhean Croise  

Metlheng eo ba ba bololang le ba ba gorogang ba tlhoke kagiso; gonne ditherego tse dikgolo di ne di imela baagi botlhe ba mafatshe.


Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tse di kgopo tsa bona, Morena o tla ba lesa go ya tatlhegong mmogo le ba ba dirang boikepo. A kagiso e nne le Iseraele!


Ditsela di senya. Ga go na yo o fetang. O sentse kgolagano, a nyatsa basupi, a sa re sepe ka batho.


Lo se ka lwa tswela kwa nageng, se tsamaeng mo tseleng! Gonne tšhaka ya mmaba e bolaya mo ntlheng tsotlhe mo go boitshegang.


Ditsela tse di yang Sione di senya, ga go na ba ba yang kwa moletlong. Go sentswe dikgoro tsotlhe tsa gagwe, baperesiti ba gagwe ba a fegelwa. Makgarebe a gagwe a mo botlhokong, ene o ikutlwa bogalaka.


Ba ne ba lalela dikgato tsa rona, re sa kgone go tsamaya mo dipatlelong tsa rona. Bokhutlo jwa rona bo ne bo atametse, malatsi a rona a feleletse, ee, bokhutlo jwa rona bo ne bo tlile.


Ke tla lo romela dibata tsa naga gore di lo jele bana, di nyeletse diruiwa tsa lona, di lo fokotse, mme ditsela tsa lona di nne senya.


Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela.


Morago ga gagwe ga bo go le Samegare morwa Anathe yo o neng a bolaya banna ba le 600 ba Bafelesita ka lešwane la dipholo. Le ene a golola Baiseraele jalo.


Go ne go tlhokafala babusi mo Iseraeleng, ba tlhokafala ga tsamaya ka tsoga, nna Debora, ka tsoga ke le Mma-Iseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan