Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 5:5 - Setswana 1970

5 Dithaba tsa reketla fa pele ga Morena, thaba eo ya Sinai fa pele ga Morena, Modimo wa Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Lithaba tsa tlapologa ha pele ga Yehova, eboñ Sinai ha pele ga Yehova Morimo oa Bayeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Dithaba tsa nyera, tsa ela ka sebonalo sa ga Jehofa, e bong Sinai yole, ka sebonalo sa ga Jehofa, Modimo wa Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 5:5
14 Iomraidhean Croise  

ene yo e a reng a leba lefatshe, le rorome; e re a ama dithaba, di kue musi.


Dithaba di ne tsa ja mokaragana jaaka diphelehu le makgabana jaaka dikwana.


Modimo, e rile o bolola fa pele ga batho ba gago, ya re o tsamaya mo sekakeng, Sela,


lefatshe la roroma, magodimo le ona a rotha fa pele ga sefatlhego sa Modimo; Sinai a reketla fa pele ga sefatlhego sa Modimo, Modimo wa Baiseraele.


Dithaba di gakologa fa pele ga Morena jaaka mmotu wa dinotshe, fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.


Thaba yotlhe ya Sinai ya kua musi ka gore Morena o ne a fologela mo go yona a le mo molelong; musi wa yona wa tlhatloga jaaka musi wa leiso. Mme thaba yotlhe ya roroma thata.


Jaanong e rile batho botlhe ba utlwa ditumo tsa maru le go kgelebetega ga lonaka, e bile ba bona dikgadima le thaba e kua musi, batho ba boifa, ba roroma, ba emela kgakala.


Re fetogile ra tshwana le ba o iseng o ke o ba buse ka gope; ba ba iseng ba bidiwe ka leina la gago.


Dithaba di roroma fa pele ga gagwe, dithabana di a gakologa; lefatshe le tshikinyega fa pele ga sefatlhego sa gagwe, ee, lefatshe le botlhe ba ba agileng mo go lone.


Fa dithaba di go bona, di a roroma. Morwalela o a feta. Lewatle le a duma, le tsholeletsa mabogo kwa godimo.


Gonne ga lo a tla fa thabeng e e ka angwang le e seng fa molelong o o tukang le e seng fa bontshong, le e seng fa lefifing le e seng fa ledimong,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan