Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 5:4 - Setswana 1970

4 Morena, e rile fa o tswa kwa Seire, ya re o gata o tlhaga nageng ya Etomo lefatshe la roroma, magodimo a rotha, maru a rotha metsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Yehova erile u coa Seira, erile u guanta u coa mo nageñ ea Edoma, lehatsi ya roroma, le aona magorimo a rotha, le maru a rotha metse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Jehofa, e rile o bolola kwa Seire, e rile o tsamaela gongwe o tswa nageng ya Etome, lefatshe la roroma, magodimo a rotha, maru a rotha metsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 5:4
13 Iomraidhean Croise  

a ba laela a re: “Lo fete lo ree Esau morena wa me, lo re: ‘Jakobe motlhanka wa gago o bua jaana a re: Ke ne ke ile go jaka kwa go Labane, ka diega teng go fitlha nakong eno,


Ga reketla, ga roroma lefatshe; metheo ya legodimo ya tetesela ya reketla, ka o ne o tuka bogale.


Lefatshe o a le roromisa, le tswe mo felong ga lone; maotwana a lone a be a reketle.


lefatshe la roroma, magodimo le ona a rotha fa pele ga sefatlhego sa Modimo; Sinai a reketla fa pele ga sefatlhego sa Modimo, Modimo wa Baiseraele.


Metsi a go bonye, Modimo, metsi a go bonye, a roroma; ee, merwalela ya tetesela.


Maru a tsholotse metsi, maru a duma; metswi ya gago le yona ya thuntshiwa.


Re fetogile ra tshwana le ba o iseng o ke o ba buse ka gope; ba ba iseng ba bidiwe ka leina la gago.


Dithaba di tla gakologa fa tlase ga gagwe, mabala a phatloga jaaka mmotu mo molelong le jaaka metsi a a fologang mo thabeng.


O buile a re: “Morena o ne a tswa kwa Sinai, a ba tlhabela a tswa kwa Seire, a phatsima a le kwa thabeng ya Pharane, a tswa kwa baitsheping ba le masome a dikete, a tsholetse Baiseraele molao o o molelo mo letsogong le le jang la gagwe.


yo lentswe la gagwe le kileng la tshikinya lefatshe, mme kajeno o boleletse pele a re: “Ke sa ntse ke tla roromisa gangwe gape, e seng lefatshe fela, mme le lone legodimo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan